Breaking News

Magodu a tlhorontsha barui

26 Mar 2015

Barui ba Sesung mo kgaolong potlana ya Letlhakeng ba lela ka bogodu jo bo ileng magoletsa. Ba buile se mo phuthegong ya kgotla e go neng go tlhophiwa komiti ya barui.

Mongwe wa barui ba moraka o o gaufi le Sesung, Rre Koketso Tshaila o kaile fa seemo sa bogodu jwa loruo se ile godimo kwa Sesung le Metsibotlhoko. O supile fa magodu ao a utswa dipitse le dikgomo ka mmetela. O ne a supa fa bangwe ba magodu ao ba tlhaba dikgomo bosigo mme ba tsoge ba fitlhela meswang.

Kgosi Tumiso Tsietso o kopile morafe go seka ba loba borukutlhi. O ne a gakolola banni go loma mapodise tsebe ka batho ba ba utswang loruo ka e le yone tsela ya go fokotsa borukutlhi. Kgosi Tumiso o ne a kgothatsa barui go dirisa thulaganyo ya ntebela ke go lebele.

O ne gape a kopa mapodise go tsibogela dikgang tsa bogodu jwa loruo ka bonako. Ramapodise wa Takatokwane, Superintendent Ocean Maranyane o ne a kopa batsena phuthego go ema komiti eo nokeng. O ne gape a ba gakolola fa go se na koloi e e letlelelwang go pega diruiwa bosigo.

O ne a supa fa motsamao wa loruo o tshwanetse go nna go tswa ka nako ya borataro mo mosong go fitlha ya borataro mo maitseboeng. O ne a tlhalosetsa banni fa tlhaelo ya didirisiwa di akaretsa dikoloi e dira gore ba seka ba tsibogela dilo dingwe ka nako.

Mokwaledi wa komiti, Rre Patrick Manopole o kopile gore ba engwe nokeng ka ba ka seke ba kgona ba le nosi.O ne gape a supa fa bontsi jwa batho ba ba utswang loruo e le banana ba ba sa tlholeng ba tsena dikole. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Senkokame Dibeko

Location : Letlhakeng

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 26 Mar 2015