Breaking News

Basegi ba bojang ba ipaya ditsha

26 Mar 2015

Kgosi Lekgatlhanye Mabua wa Dibete o kopile lekgotlana la kabo ditsha la Shoshong go potlakela go koba batho ba ba ikabelang lefatshe kwa Mmamabula.

O boletse mo phuthegong e e neng e buisiwa ke mothusa tona wa lephata la dikgaolo le tlhabololo magae, Mme Botlogile Tshireletso, gore banana ba ba tswang Mahalapye, Mmaphashalala, Mookane, Poloka le Dibete ka maikaelelo a go ya go kgetla bojang kwa Mmamabula jaanong ba simolotse go ikabela ditsha tsa bonno kwa lefelong leo.

Kgosi Mabua o boletse fa segopa sa batho bao, ba go bolelwang ba ipitsa merafe ya Bokoharam le Tika molamu jaanong ba setse ba simolotse go aga matlo a sennela ruri e bile ba tlhophile kgosana.

O bolela fa batho bao ba setse ba tsile mo kgotleng ya gagwe go kopa gore a ba rurifaletse mekwalo e e supang fa ditsha tseo e le tsa bone, mme a gana.

A re fa lekgotlana la kabo ditsha la Shoshong le ka seka la tsibogela kgakololo ya gagwe ba tlaa fitlhela segopa seo sa batho se ikgagapeletse lefatshe la mafudiso ka jaana dipalo tsa bone di oketsega tsatsi le letsatsi.

E rile Mme Tshireletso a tsibogela kgang ya batho ba ba ikabelang lefatshe kwa Mmamabula, a ntsha taelo ya gore batho bao ba hudusiwe ka ponyo ya leitlho ka jaana ba sa bewa ditsha tseo ke lekgotlana la kabo ditsha.

Mme Tshireletso a re batho ba ba ikabelang lefatshe ba tsenya puso mo dipitlaganyaneng tsa go batla ditlhabololo di tshwana le dikole, dikokelwana, metsi le go neelwa motho yo o tlaa ba etelelang pele jaaka kgosana ntswa puso e sa tsenya batho ba go nna jalo mo lenaneong la ditogamaano tsa ditlhabololo tsa setshaba.

A re ba bogosi kwa Dibete, Poloka, Palla-road, Mookane le Mmaphashalala ba tshwanetse go thulanya ditlhogo le ba lekgotlana la kabo ditsha go fudusa batho bao ka diamaramara ba ise ba dire ditshenyegelo dipe. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Mojaboswa Jabeng

Location : Mahalapye

Event : Phuthego

Date : 26 Mar 2015