Temo e sa ntse e ka nowa moro
24 Mar 2015
Molemi wa temo ya nosetso wa Eshashane fields kwa Ramokgonami, Rre Harold Cross o kopile balemi ba ba nang le keletso ya go tsena mo temong ya nosetso go e tlhoafalela ka e sa ntse e ka nowa moro.NRre Cross a re go lema dijalo di tshwana le maungo le merogo go ka fa balemi dipoelo di le dintsi fa molemi a tlhoafetse.
O ne a bua jalo kwa letsatsing le le neng le rulagantswe ke ba lephata la dijalo ba Machaneng kwa Ramokgonami go ruta balemi ba Tswapong Borwa ka temo ya komelelo le ya nosetso bosheng.
A re go sa ntse go tlhaela go le gontsi gore lefatshe leno le tsene mo seemong sa go lema dijo tse di lekaneng gore le ijese le bo le rekisetsa le mafatshe a sele. Rre Cross yo mo nakong ya gompieno a lemileng ditamati, ditapole, mmidi, mabele le maphutshe, a re gore molemi a boelwe ke gore a bo a na le tlhokomelo e e tseneletseng e akaretsa go laola diji le malwetse ka go tshela melemo e e farologaneng.
Rre Cross a re balemi ba temo ya komelelo ba tshwanelwa ke go lema ka dipula tsa ntlha gore ba kgone go roba sengwe se se bonalang. O ne a tlhalosa fa mo temong yotlhe e a e dirang a dirisa motshine o o bidiwang ripper go somarela bokgola, a bolela fa seo se mo thusitse thata ka dipula di ne di le boutsana mme a ne a lemile mmidi le mabele go dira dijo tsa dikgomo.
A re o lemogile fa go na le dilo di le dintsi tse ba ba lemang kana boraditerekere le ba ba lemelwang ba sa di direng sentle. A re boraditerekere bangwe ba reka didirisiwa tsa maemo a a kwa tlase mme di bo di sa leme sentle.
A re dingwe di felela di sa ntshe dijalo sentle, ka jalo go bo go nna le fa go sa tlhogeng teng mo tshimong. Fa a itebaganya le ba ba lemelwang a re bangwe ba lema ba bo ba nna kwa magaeng ba sa tlhokomele ba bo ba felela ba sa robe sepe.
O ne a ikuela mo baleming go tlhoafala fa ba batla dipoelo a bo a rotloetsa boraditerekere ba ba lemang balemi ka lenaneo la ISPAAD go reka didirisiwa tsa maemo a a kwa godimo gore ba lemele balemi sentle ka ba duelwa. Rre Cross o ne a rotloetsa balemi gore ba seka ba tsena mo temong ya nosetso ka lepotlapotla.
A re ba tshwanelwa ke go simolola ba lema go le gonnye mo ba ka go laolang mme ba bo ba tswelela ba oketsa go fitlhelela ba tsena fa ba batlang teng. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Portia Rapitsenyana
Location : Ramokgonami
Event : Thuto puisano
Date : 24 Mar 2015






