Breaking News

Banana ba farologana ka tsamaiso ya Tirelo Sechaba

25 Mar 2015

E re le fa puso e lekile bojotlhe go thusa banana ka go tlhama lenaneo la Tirelo Setshaba, fela banana ba kgaolo ya Bokone Botlhaba ba ntshitse maikutlo a a farologaneng mabapi le lenaneo leo.

Monana mongwe yo o mo lenaneong la Tirelo Setshaba mo lephateng la dipalamo le ipabalelo tseleng, Mme Bontle Macala, o boletse fa a sa itumelele lenaneo le ka a re ga a kgone go dirisa dithuto tsa gagwe tsotlhe tse a di ithutile ko sekolong mme a re se se ka felela se dira gore a felele a lebala tiro e a e ithutetseng kwa sekolong.

O tsweletse gape a re go ne go ka nna botoka fa ele gore lenaneo le le ne le ka kgaoganngwa ka dithuto tsa batho. A re o ne a eletsa gore ba ba nang le dithuto tse di kwa godimo ba dire ditiro tsa dithuto tse ba di ithutetseng ko sekolong. 

Mo potsolotsong bosheng, Mme Macala a re o dirile dithuto tse dikgolowane tsa Diploma In Health Care Assistance mme a re o feletse a bona gore go botoka gore a name a tsene mo lenaneong la Tirelo Setshaba gore a seka a bo a ntse fela ko lwapeng go sena se a se dirang ka go se motlhofo go ka bona tiro malatsiano.

O ne gape a lela ka madi a ba a neelwang ka kgwedi a e leng P500 are a mannye ka gore ga a kgone go dira ditiro tsotlhe tse a neng a ka di dira are go ne go ka nna botoka fa a ka okediwa. 

O tlhalositse fa ba amogela P700 ka kgwedi mme mo mding a o ba beelwa P200.  Le fa go ntse jalo, Mme Macala o boletse fa a itumeletse gore o setse a kgona go dirisa motshine o o tlhathobang matlho kwa lephateng leo. 

O bile a re o itumelela go bo nako ya go theogela e fokoditswe go tswa kwa go 4:30pm go ya kwa go 12:45 pm a re se se mosola thata ka gore fa a tswa o kgona go ya go isa makwalo a ikopelo tiro. 

Mme Unami Moranda yo le ene a leng mo lenaneong la Tirelo Sechaba le ene fela jalo a re lenaneo leo ga le mo solofele molemo ka gope, ka gore o dirile dithuto tse dikgolwane tsa Certificate in Secretarial Administration mme a re fa a direlang teng ga go tsamaelane le dithuto tsa gagwe.

Mme Moranda a re ga a kgone go dirisa dithuto tse a di ithutetseng ko sekolong ka gore fa a berekang teng gone jaanong o ruta bagolo kwa lephateng la Out Of School Education Training (OSET), a re ene o ithutetse go netefatsa gore ofise e nna mo seemong se se siameng le go bona gore a bokopano jo bo rulagantsweng bo nna teng ka nako e e beilweng.

O tsweletse gape a ntsha selelo sa gore madi a ba a fiwang a mannye thata a re o ne a eletsa gore a ne a ka okediwa gore e nne P1 000.

Go ntse go le foo, Mme Moranda o ne a lebogela go bo nako ya bone ya go theogela e fokoditswe, a re o kgona gore fa a tswa a e sekolong gore a tle a kgone go oketsa dithuto tsa gagwe mme a kile a bo a sa kgone go dira jaalo go le pele.

Monana yo mongwe Mme Boemo Motiki ene o boletseng fa a feletse ka dithuto tsa mophato wa botlhano mme lenaneo le le mo solofetse molemo ka a kgonne go ithuta dilo tse dintsi jaaka go dirisa khomputara e bile a setse a kgona go tlhaloganya ka fa mananeo a banana a berekang ka teng ka a berekela mo lephateng le le thusang banana go ipulela dikgwebo. 

O ne a re gape o itumelela go bo ba sa tlhole ba theogela go fitlha ka nako ya masome a mararo morago ga nako ya bone mo motshegareng(1630hrs) mme seo se mo fa sebaka sa go dira dilo tsa gagwe jaaka go batla ditiro le go ya go ithuta go kgweetsa.

Fa a supa matshwenyego a gagwe, Mme Motiki o boletse fa madi a ba a fiwang ka kgwedi a le mannye mme e bile a re go ka bo go le botoka fa a ka okediwa kgotsa ba ka bo ba ne ba sa beelwe P200 ba fiwa fela madi a bone a le mmogo gore ba tle ba kgone go a dirisa mo ditirong tsa bone tsotlhe. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Nkwebi Monyadzwe

Location : MASUNGA

Event : Potsolotso

Date : 25 Mar 2015