Bo mamathwane ba iphile maatla
25 Mar 2015
Banni ba Shashe-Bridge mo kgaolong ya Bokone Botlhaba ba lela ka tshenyo e bakwang ke bo-mamanthwane mo dikagong tsa bone.
Se se builwe ke modulasetilo wa ditlhabololo tsa motse, Mme Oganeditse Peo, mo phuthego ya kgotla e neng e buisiwa ke mopalamente wa kgaolo ya Tati-botlhaba Rre Samson Guma. Mme Peo o tsweletse a re Bo-mamanthwane ba simolotse go tshwenya ka ngwaga wa 2008, ka bokete kwa kokelong.
A re mme ene yare ka ngwaga wa 2010 Khansele ya tla go tlharamomola marulelo le go ba tshela melemo, a tlatsa ka gore go nne ga tokafala thata. O tsweletse a re Bo-mamanthwane ba buile gape ka bontsi ngwaga ono go feta ngwaga e fetileng jaanong ba gasame le motse.
Le fa gontse jalo, Mme Peo o lebogetse ntlo ya mooki, tsela, gammogo le kholobete tse baneng ba dikupile. Mme Peo a re sekole le sone se bone ditlhabololo tsa mabolakaboroto a maemo a ntlha mo di kamoreng tsa borutelo, paakanyo ya matlo a baruta-bana.
Mo go tse dingwe Mme Peo o kupile metsi, ditsela le motlakase kwa ditsheng di sha,le mafaratlhatlha a dithaeletsanyo mo motseng. Mme Peo kupile gape phaephe ya kgopo ya metsi a a leswe, matlo a badirela puso a le mane, modisa-dikgago, gammogo le mophepafatsi mo kgotleng ya bone.
Erile a tsibogela mangwe matshwenyego a bone Mr Guma a re ene le morafe ba tsile go dira mmogo isa lefatshe leno kwa pele.
O kupile Kgosi ya motse Kgosi Abram Kgaje go mo fa ofisi mo kgotleng e a tla thapang modiri yo o tla bong a thusana le mokhanselara go nna leitlho la gagwe ka go bo Mokhanselara nna bokgakala bo tshwana, metse ya Ditladi le Patayamatebele.
Rre Guma a re o kopile Tona ya tsa lephata la metsi go seka-seka kgang ya letlhoko la metsi le go ntsha pego ya gore seemo se ba ka sethusana jang Rre Guma a re ba itemogetse letlhoko la metsi fa le sa ama bone fela bale esi, le ba dikgaolo tse dingwe ba lela ka metsi.
E ntse ele mo go tsa metsi a re go tla dirwa thulaganyo ya gore ba motse wa Patayamatebele le bone ba kgone go nwa metsi a Shashe. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Mpho Goitsemang
Location : TUTUME
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 25 Mar 2015