Breaking News

Ba le some ba abetswe dikobo

25 Mar 2015

Batho ba Mahalapye ba le lesome mo kgotleng ya Bokaa ba abetswe dikobo tse e rileng bosheng tsa ntshiwa ke Tautona Lt Gen. Seretse Khama Ian Khama.

E rile modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo, Rre Goabaone Mompati a aba dikobo tseo mo boemong jwa ga Tautona a kgothatsa ba ba nnileng le lesego la go abelwa dikobo tseo go di tlhokomela gore di kgone go ba thusa mariga.

Rre Mompati o rile le ntswa Tautona le puso ba tsweletse ka go thusa Batswana ba ba dikobo dikhutshwane ka dijo, diaparo le matlo, o tshwenngwa ke batho ba e ya reng ba abetswe dimpho tsa go nna jalo ba di latlhelele fa ba bangwe ba kgona go di rekisa ntswa puso e leka go ba ntsha mo lehumeng.

A re batho ba ba abetsweng dikobo ke ba ba neng ba tlhaelwa fa Tautona Khama a ne a abela batho dimpho Tlhakole a le lesome le bobedi fa a ne a buisa phuthego ya kgotla kwa Mahalapye.

Rre Mompati o kgadile a sa oshaoshe banana ba e ya reng batsadi ba abetswe dimpho ke babusi le makgotla a bopelotlhomogi ba itirisetse dithoto tsa go nna jalo ntswa ba na le tokololo ya go iperekela.

Rre Orelebile Baatweng o boletse mo mafokong a gagwe a malebo gore Batswana ba tshwanetse go ipelafatsa ka moeteledipele wa lefatshe leno ka a supile bokgoni le boikarabelo jwa go lwantsha lehuma la nta e tshetlha le le apesitseng bontsi jwa Batswana kobo ka letshoba.

Rre Baatweng a re fa Batswana ba ka ititaya ka thupana go dirisa mananeo a puso go itlhabolola, e kare ka 2017 bontsi jwa Batswana ba bo ba dule mo thankgeng ya lehuma la nta e tshetlha ka jaana mongwe le mongwe o tlaa bo a kgona go iphataphatela go na le go ikaega ka dithuso tsa puso di tshwana le dijo tsa batlhoki le lenaneo la Ipelegeng. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Mojaboswa Jabeng

Location : Mahalapye

Event : Kabo dimpho

Date : 25 Mar 2015