Ba utswelana diterata tsa masimo
25 Mar 2015
Molemisi mogolo wa kgaolo ya borwa Botlhaba, Mme Monia Mfolwe, a re o tshwentswe ke seemo se mo go sone balemi bangwe mo kgaolong ya gagwe ba utswelanang diterata tsa ditshimo.
Fa a buisa phuthego ya Balemi kwa Ramotswa Mopitlo a tlhola malatsi a le masome a mabedi le bone, Mme Mfolwe a re seemo se se ba ketefaletsa gore ba ka tswelela ba thusa balemi ba ba tlhokang go thusiwa ka terata le tse dingwe ka a re go kgoba marapo gore ba buelele batho.
A re go direla batho diterata go dirwa lefatshe lotlhe mme mo go ketefalele puso go thusa batho botlhe, ke ka moo go felediwang go thusiwa palo e potlana go lebilwe gore maduo a ka tswa kae.
A re gape bogodu bo baya ba bangwe mo mosing wa gore le bone ba ka akola dithuso dingwe mo pusong. Mme Mfolwe o gakolotse balemi go emisa tiragalo e ka jaana a re e dira gore bodiredi jwa ofisi ya temo-thuo bo nna maoto a tshupa fa ba tshwanetse go thusa ba bangwe ka jaana ba tsaya nako e ntsi ba seka dikgang tsa bogodu.
O gakolola boeteledipele jwa dikomiti tsa balemi go kwala se go buisantsweng ka sone mo diphuthegong, go supa gore ka nnete ba kile ba nna le diphuthego le balemisi.
A re go le gantsi maloko a dikomiti a palelwa ke go kwala dintlha tsa phuthego mme se se dire gore e nne e kare molemisi wa kgaolo ga a ke a buisa diphuthego.
A re go botlhokwa gore ba gakololane ka dikitsiso tsa gore go ka dirwa jang go tsosolosa ditshupo tsa kgaolo ya Borwa Botlhaba, ka jaana kgaolo e e saletse kwa morago thata mo ditshupong.
O ne gape a re molaodi wa kgaolo eo o a eletsa e bile o ikemiseditse go thusa ka mo a nang le gone go leka go tsosolosa ditshupo tsa kgaolo gore le yone e itirele madi.
O ne gape a gakolola balemi go ithekela manyena a dikgomo ka jaana puso e tsile mo seemong sa gore omang wa dikgomo wa Bolus o emisiwe. A re ba rutuntsha balemi-barui ka tiriso ya manyena a dikgomo.
Fa ba tswa la bone, balemi ba ngongorega ka letsatsi, dinonyane le boraditerekere ba ba tlhalosang fa ba ba ja ntsoma. Ba tlhalositse fa mathata a matona e le a boraditerekere ba ba ba lemelang mme ba tlogele ba ise ba jale ba ya go lemela ba bangwe morago ba tloge ba boe masimo a setse a omeletse ba tla go jala.
Balemi ba re ke sone se se bakileng gore ba dike ba sa bona thobo ka jaana masimo a bone a lemilwe a phaphaletse mme e bile go lemelwa mo godimo ga tlhaga.
Motsholamadi wa komiti ya balemi, mme Cathrine Mosarwa wa masimo a Mogobane a re boraditerekere ga ba na nnete ka jaana ba kgona go tsaya dikgwedi tse tharo ba lemile mme ba sa tle go jwala.
A re borre bao ga ba na sepe le gore ba lema mo go kgotsofatsang mme ba batla fela se e leng madi. A re le fa go ntse jalo, balemi ba seka ba ipusolosetsa ka go gana go saenela borre bao gore ba duelwe ka jaana go sa siama go itseela molao mo diatleng.
Mme Mosarwa a re dilo ke go buisana. O ne gape a gakolola balemi gore ba netefatse gore ba tsaya boikarabelo jwa go nna teng fa ba lemelwa go bona gore ba direlwa ka bonatla le botswerere. A re keletso ke go bona balemi le boraditerekere ba thusana ka lorato. ENDS
Source : BOPA
Author : Lesego Lelokwane
Location : Ramotswa
Event : Phuthego
Date : 25 Mar 2015