Breaking News

Megopolo e ka tswa maduo

25 Mar 2015

Makhanselara a toropo kgolo ya Gaborone a tsweletse ka go akgela mo pegong e e ntshitsweng ke Rratoropo ya Gaborone Rre Kagiso Thutlwe.

Fa a akgela, Mokhanselara wa yo o itlhophetsweng Rre Macdonald Peloetletse o ne a re khansele ya toropokgolo e tshwanetse go tla ka maano a go simolodisa megala ya mahala e ka yone go ka lelediwang go bega diruiwa tse di swetseng mo ditseleng di sena go thulwa ke dikoloi.

Mokhanselara Peloetletse o tlhaloseditse khansele go re ka yone megala e setshaba se ka thusa gape go bega leruo le le timeletseng mo Gaborone le bo le sasanka mo ditseleng mme ko bofelong le felela le baka dikotsi.

A re leruo le go le gantsi le felela le thudilwe ke dikoloi le bo le swela fa thoko ga ditsela le bo le bolela foo mme fela fa e se ka thuso ya baagi b aba gaufi le lone ba ba felelang ba reka peterolo go le tshuba le felela le leswafatsa tikologo le gone go nkga tota.

O tlhalositse fa toropo ya Gaborone e le leswe mme go le botlhokwa go tsaya malebela mo mahatsheng a a nang le ditoro tse di phepa a ba kopa gotla ka maano a ba ka phepafatsang toropo kgolo ka one.

Mokhanselara wa kgolo ya Tsogang Rre Tetelo Thebe o tlhaloseditse khansele go re lefelo la boitapoloso la Tsholofelo Park ga le sa dirisetswa maikemisetso a lone a tlhalosa fa le ka felolelwa go nna lefelo le le ka tswelang sechaba mosola jaaka go simolola mabala a metshameko le go aga matlwana a boroko.

Mokhanselara Thebe a re lefelo le o le fetogile lefelo la dipolaano le boremelelo ja dirukhuthi mo batho ba felelang ba tshaba go ya teng.

O ne a ngongorega ka go re pego ya ga Rratoropo ga e tlhalose ka ha bagwebi b aba botlana bam o mebileng ba tla a thusiwang ka teng ka matlwana a boitiketso.

Mokhanselara wa Bosele Mme Khumoetsile Mokgaoganyi o tlhalositse fa borukuthi bo ile magoletsa mo Gaborone ka dipone tsa mekgwatlha di sa bereke. O tlhalositse ha mapodise le bone ba ngongorega ka go sa bereka sentle a tlhalosa ha se o se ba paledisa tiro k aba sa kgone go bona magodu bosigo.

O tlhalositse ha ban aba dikolo tse dipotlana ko Taung ba inaakantse le nno tagi mob a kgonang go ya sekolong ba le ka ha tlase ga kgalelelo ya nnotagi.

E re go eme jalo, Mokhanselara wa Marulamantsi Rre Sergeant Kgosietsile o tlhalositse fa ya go tsaya malebela mo mafatsheng a mangwe ka tlhokomelo ya matlakala e le leano la go ijesa monate le go iphokisa phefo fela.

O tlhaloseditse khansele gore go matshwanedi go re makhanselara a tseye malebela mo metseng a a phepa mo Botswana a a fa sekai ka motse wa Kanye, Orapa le Jwaneng a tlhalosa fa se se ka somarela madi a puso.

A re dikoloi tse dingwe tsa khansele di na le lebaka la ngwaga tse di lesome gotwe di ile go baakanngwa a tlhalosa fa se se dira gore khansele e palelwe ke go phepafatsa tikologo ya Gaborone a tlatsa ka gore matlakala a tsewa morago ga sebaka sa kgwedi.

Mokhanselara Kgosietsile o tlhalositse fa go se maleba gore matlhabelo a magologolo a Gaborone a dirisiwe jaaka sebeelo sa matlakala sa nakwana pele a isiwa kwa lehuting le legolo la matlakala a tlhalosa ha se se tlaa leswafatsa dikgwebo le mafelo a a mabapi.

Mokhanselara wa Sebele Rre Lsego Mabego e ne a re mo dikoloing tsa matlakala tsa khansele dil le masome a mabedi le bofera bobedi, go bereka fela di roba bobedi, a re se se baka gore batho ba lathele matlakala gongwe le gongwe mo kgaolong ya Gaborone Bokoni. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Goweditswe Kome

Location : GABORONE

Event : Phuthego ya khansele

Date : 25 Mar 2015