JCI e itlama go thusa Jwaneng
25 Mar 2015
Mokgatlho wa baithaopi wa Junior Chambers International (JCI) kwa Jwaneng, o itlamile go thusa setshaba sa toropo eo le tikologo ka go tswa ka tharabololo ya mathata a a apereng toropo eo.
E rile a bua mo moletlong wa go mo tlhoma semmuso bosheng, moeteledipele wa mokgatlho oo kwa Jwaneng, Rre Badisa Tlhako, o ne a tlhalosa fa nako e gorogile ya gore Batswana ba ipelege le go nna le mowa wa boithaopo go thusa fa puso e tlhaelang teng.
Rre Tlhako a re mokgatlho wa bone o aname mo mafatsheng ka bontsi mme o eteletswe pele ke banana ba ba eletsang go bona matshelo a batho a tokafala le go lwantsha dikgwetlho tsa botshelo tse di akaretsang manokonoko a lehuma.
O tlhalositse fa a tlile go itebagaya le dikgwetlho tsa botsogo le pabalesego,thuto ga mmogo le go tsosolosa mowa wa kgwebo.
A re mo ngwageng wa 2014 ba nnile le dikatlego di le mmalwa di akaretsa go tlhatlhobiwa matlho ga bana ba sekolo se segolwane sa Maiteko JSS ko Mabutsane le go ba abela digalase tsa matlho.
O ne a tswelela a tlhalosa gore, ka ba ne ba tshwenyegile ka maduo a bana a a sa itumediseng ga mmogo le letlhoko la ditiro mo kgaolong, ba ne ba laletsa bana-le-seabe mo toropong eo go tla go ruta bana ba dikolo tse dikgolwane ka ditiro tse di leng teng le go tlhopha tse di ba tshwanetseng.
Are ba dirile tse tsotlhe ka akaretsa baa le seabe go ba thusa maikaelelo a bone a go thusa morafe.
O tlhalositse fa dikgwetlho tse di leng teng di ka fenngwa ka go tshwaragana ga morafe,bogogi jwa toropo, ga mmogo le bagwebi ba toropo eo. “
Re ikaeletse go bereka mmogo re le mokgatlho go netefatsa gore re tlogela motlhala mo matshelong a batho”, a tlhalosa.
O ne a tswelela ka go kgothatsa banana go tsaya maikarabelo a boeteledipele go netefatsa gore ba nna karolo ya tharabololo ya mathata.
Sebui sa tlotla ko modirong oo, mmakaseterata Rre Odirile Mokgatle, are mokgatlho oo o tlile ka nako e e maleba ka ntlha ya gore dikgwetlho tsa botshelo di oketsega tsatsi le letsatsi ko toropong eo.
O ne a tlhalosa gore mokgatlho wa JCI o na le dingwaga di le lesome le boferabobedi mo Jwaneng, mme motlhala wa one o a bonala.
O ne a akgola tautona yo o tlogetse Mme Gorata Ramasaka go bo a itshupile e le senatla mo go gogeng makgatlho oo, mme a kgothatsa yo mosha Rre Badisa Tlhako go goga mokgatlho oo ka bonokopila gore sechaba se tle se solegelwe molemo ke go nna teng ga one.
Rre Mokgatle are lefatshe la Botswana le santse le ikutlwela manokonoko a borukutlhi,nnotagi ga mmogo le kanamo ya mogare wa HIV/AIDS,mme tse tsotlhe di tlhoka gore sechaba se tshwaragane gore motllhala wa go di lwantsha o bonale.
Are go botlhokwa go ikaega ka matshego a boipelego, neelano,tumelo, molao ga mmogo le bodiredi jwa tlhwatlhwa gore maikaelelo a bone a kgonafale.
Ha a tswa la gagwe Tautona yo o tlogetseng Mme Gorata Ramasaka, o ne a lebogela kemonokeng e a filweng ke badiri ba mokgatlho oo wa boithaopo ka nako ya fa a ba eteletse pele.
O ne a rotloetsa maloko go tsweledisa mowa wa boithaopo le go ema nokeng tautona o mosha. Are boithaopo bo maleba mo nakong e lefatshe le lebanweng ke dikgwetlho tse di tlhokang go rarabololwa go sa eteletswe dituelo ko pele.
O ne a tlhalosa gore ka nako ya gagwe, ba kgone go kokoanya madi go agela sekolo se sebotlana sa Sese motlobo wa dibuka. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Lebogang Baingapi
Location : JWANENG
Event : Moletlo wa go tlhoma tautona wa mokgatlho
Date : 25 Mar 2015