Breaking News

Kgatleng o tlaa agelwa kokelo

25 Mar 2015

E re ntswa kgaolo ya Kgatleng e bapile le toropo-kgolo Gaborone, ditlhabololo di a nyafala go goroga mo kgaolong eo.

Se se buile ke mopalamente wa kgaolo ya Mochudi Botlhaba mo phuthegong ya kgotla mo Boseja North kwa Mochudi bosheng. Rre Isaac Davids a re ditlhabololo mo kgaolong ya gagwe di tla ka monokela ntswa kgaolo eo e ka bo e tlhabologile mo go nametsang.

Le fa go ntse jalo, Rre Davids o ne a bolelela morafe gore kgaolo ya Kgatleng e tla agelwa kokelo e ntsha ka jaana ba sa bolo go lela ka sepatela sa Deborah Retief Memorial.

A re go a itumedisa gore puso e bo e arabile selelo sa bone ka jaana botsogo bo le botlhokwa fela thata, a tlatsa ka gore le fa gone ba itumetse go dilo di le dintsi tse di tlhokafalag mo Kgatleng tse puso e tshwanetseng ya di dira.

Rre Davids a re ba tshwenyegile fela thata ka ditsela mo kgaolong ya Mochudi Botlhaba bogolo jang tsela ya Modipane-Mabalane ka e dirisiwa ke dikoloi tse dintsi le tsone tse di tswang kwa Aferika Borwa tota.

A re go tsenngwa sekonotere ga tsela eo gone go ka thusa banni ba kgaolo eo fela thata le go fokotsa tshenyego ya dikoloi mo tseleng eo. Le fo go ntse jalo mopalamenmte o ne a bolelela morafe gore moleta ngwedi ga se moleta lefifi le fa ntswa go tsaya lebaka gore ba thusiwa ka ditlhabololo.

Mo dikgannye tse dingwe Rre Davids o ne a kopa balemi le barui go ema ka dinao ka jaana ngwaga ono go lebega go tla nna leuba mo lefatsheng la Botswana. A re letlhoko la pula le bakile tshenyo e ntsi mo masimomg a batho ba sena go lema ka letsatsi le le bogale le bolaile dijwalo tsa bone me barui le bone ba tla swelwa ke diruiwa ka go sena phulo.

Mopalamente o ne a kopa barui go rekisa leruo la bone gore bogolo ba boloke madi gore fa seemo se ka ya masweng ba seka ba sala ba iphotlhere. O ne a kopa morafe go dirisana le mapodise ka jaana bogodu jwa dikgomo bo tsweletse ka go tshwenya mo kgaolong ya Kgatleng.

Rre Davids a re mapodise ga a kake a kgona go lwantsha borukhuthi ba le nosi mme ka kemo nokeng ya batswana ba ka kgona ka ke bone matlho a setshaba. Mo go tse dingwe, mopalamente o ne a gape a kopa batsadi go emela dithuto tsa bana ba bone ka dinao ka jaana e le yone bokamoso jwa bone.

A re go molemo gore ba nne ba ya kwa dikoleng tsa bana go lekola gore ba dira jang mo dithutong.

Rre Davids o ne a kopa batsadi go sireletsa dikolo kgatlhanong le tshenyo ya dikago ka jaana bana ba ba tswang kwa tlase ba tlhokana le thuto a tlatsa ka gore tshenyo ya dikago tsa sekolo ke poelo morago e bile ga e thuse ope ka sepe.

E rile go le pele fa Kgosi Time Pilane a amogela morafe wa gagwe a bolela fa a tshwenngwa ke dintsho tsa kgaolo ya gagwe ka jaana banana ba bolaana bosetlhogo. A re selo seo ga se mo jese diwelang mme a kopa batsadi go bua le bana ba bone go emisa mekgwa e e maswe eo.

Kgosi Time o ne a kopa mopalamenete gore dipalo tsa batho ba Ipelegeng di okediwe ka jaana ba lemogile botlhoko mo kgaolong ya bone mme ebile batho ka bontsi ba sa bereke mme lenaneo leo le ka ba tswela mosola.

O ne a gape a kopa morafe go emisa go latlhela metseto ya sekgoa fa go sa tshwanelang ka gore go leswafatsa tikologo mme ebile diruiwa di tshwana dikgomo di ja dilo tse di sa tshwane;ang go di ja. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Booster Mogapi

Location : MOCHUDI

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 25 Mar 2015