Lenaneo le thusitse monana go rua
25 Mar 2015
Banana ka bontsi ba santse ba sokola go bona mebereko le ntswa mananeo a puso a ba ka a dirisang go itshetsa a le mantsi.
Mafoko a a builwe mo puisanong bosheng ke Mme Tshegofatso Moratiwa wa kgotla ya Shageng kwa Letlhakeng.
Mme Moratiwa o boletse fa le ene e le mongwe wa banana ba ba akotseng lenanong la banana la YDF ka go thusiwa ka P100 000 go itshimololela kgwebo ya go rua dikgomo. O tlhalositse fa a thusitswe ka ngwaga wa 2012 mme a kgona go reka dikgomo tse di namagadi di le lesome le boraro le poo e le nngwe.
O tsweletse a kaya fa e rile ka leroborobo la ngwaga wa 2013 dikgomo tsa gagwe di ne tsa jewa ke leuba di le tharo mme seo sa seka sa mo kgoba marapo ka a boletse fa a sale a nna le lerato le lentsi mo dikgomong fa a sale monnye a tlhalosa fa a dumela gore kgomo ke botshelo ka a boleletswe ke rraagwe.
Mme Moratiwa are mo bogompienong o na le dikgomo di le masome a mabedi le botlhano go akaretsa le marole a tsone.
O kaile fa dikgomo tseo a nna fela a di tlhokometse a thusa modisa wa gagwe kwa morakeng. A re o kgona go gama dikgomo tsa gagwe e ntse e le mosadi ka bontsi bo dumela gore mosadi ga a tshwanela ke go gama dikgomo.
O boletse gore ga a sokole fa a batla go nwa tee. O tsweletse a tlhalosa fa le one mashi ao a kgona go dira madila mme a a rekise go itshetsa. Fa a tlhalosa ka go itshetsa ka leruo la gagwe, Mme Moratiwa are ga a ise a simolole go rekisa leruo la gagwe go itshetsa ka lone ka a tlhalosafa a dumela gore ga le ise le ate kana le ise le tsale thata.
Mme Moratiwa o ne a bolela fa a eletsa gore mo dingwageng tse di latelang a bo a na le dikgomo tse dintsi fela thata mme ebile are o dumela gore e tlaare dingwaga di ntse di tsamaya abo a bidiwa mohumi wa mosadi ebile e le monana.
O ne a tswelela ka go kopa banana go akola mananeo a puso mme ba itshimolodisetse dikgwebo tse di nang le dipoelo e se re morago ba palelwe ke go di tlhokomela. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Moses Mokoanene
Location : LETLHAKENG
Event : Puisano
Date : 25 Mar 2015