Go obamela matshwao go fokotsa dikotsi
24 Mar 2015
Mogolwane wa mapodisi a kgaolo ya Dibete, Superinterndent Phineas Makwaeba, a re dikotsi tse di tsweletseng ka go gapa matshelo a batho le go tlogela ba bangwe ba na le bogole di ka fokotsega fa bakgweetsi ba ka simolola go obamela matshwao a tsela le go emisa go itontela dino fa ba kgweetsa.
O boleletse batho ba metse ya Mmaphashalala, Mookane, Dibete, Poloka le Leshibitse mo merapelong e neng e tshwaretswe kwa Dibete go rapelela dikotsi tsa tsela le go gopola ba ba tlhokafetseng mo dikotsing tseo gore gole gantsi dikotsi tse di diragalang mo tseleng ya A1 di bakwa ke go tlhoka go obamela matshwao a tsela, go kgweetsa ka lobelo le le feteletseng, go dirisa dikoloi tse di sa itekanelang, go kgweetsa ga batho ba sena ditlankana le loruo le le sasankang mo ditseleng.
Superintendent Makwaeba ba bone g ole matshwanedi go tshwara merapelo ya go rapelela dikotsi mo tseleng ya Gaborone/Francistown ka jaana dikotsi mo tseleng eo di tsweletse ka go gapa matshelo a batho le go tlogela ba bangwe bale digole ntateng ya dikgobalo tse di masisi.
A re mo ngwageng wa 2013 go nnile le dikotsi di ferabobedi tse mo go tsone go tlhokafetseng batho ba robabongwe fa batho bale masome a mararo le boraro ba bone dikgobalo tse di masisi fa mo ngwageng wa 2014 go nnile le dikotsi di supa, mme mo go tsone ga tlhokafala batho bale lesome le borataro fa bale masome a mane le bongwe ba bone dikgobalo tse di masisi fa monongwaga go nnile le dikotsi tse tharo tse mo go tsone go tlhokafetseng batho bale some.
Rre Makwaeba o rile lefa tsela ya A1 e ageletswe e bile ba sepodise sa pharakano batsamaya le tsela eo kgapetsakgapetsa go ela tlhoko bakgweetsi ba ba sa obameleng matshwao a tsela, o tshwenngwa ke dikgomo le ditonki tse di hulang mo tseleng eo ka ele tsone tse gantsi di bakang dikotsi masigo le batho ba ba kgweetsang ba iphitisitse dino.
A re barui ba ba leseletsang loruo la bone go hula mo ditseleng tse di ageletsweng ba tla tseelwa dikgatlo tse di gagametseng fa loruo la bone le ka amega mo dikotsing tsa tsela gammogo le bao, ba ba kgweetsang ba nole kana ba sena ditlankana tsa go kgweetsa. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Mojaboswa Jabeng
Location : MAHALAPYE
Event : Merapelo kgatlhanong le dikotsi
Date : 24 Mar 2015