Kgosi o rotloetsa dikole
24 Mar 2015
Kgosi Galeakanye Modise wa Sefhare o rotloeditse dikole tsa motse wa gagwe go dira ka natla gore maduo a tsone a fitlhelele kwa seelong se se beilweng.
Fa a bua kwa moletlong wa go abela sekole se sebotlana sa Mmutle Memorial seetsele sa gore se fentse sa Sefhare se sebotlana mo maduong a lekwalo la bosupa a ngwaga o o fetileng bosheng, Kgosi Modise o ne a bolela fa maduo a dikole tse dipotlana tsa Sefhare a sa nametse.
A re ntswa ngwaga le ngwaga a abela sekole se se fentseng se sengwe mo motseng wa gagwe sejana, ga a kgotsofalele maduo a tsone tsotlhe ka a le kwa tlase.
Kgosi Modise o ne a gwetlha botlhe ba ba amegang go tshwaraganela thuto ya bana ba bone. A re ntleng ya go tshwaraganela thuto ga batsadi, barutabana le bana le seabe ga go na go tswa maduo ape a a kgatlhisang.
Mogokgo wa sekole se sebotlana sa Sefhare Rre Barulaganyi Rasekgantsho o ne a supa fa e le ba dikole tse dibotlana tsa motse wa Sefhare ba amogetse ka tsoo pedi mogopolo wa ga Kgosi Modise wa go rotloetsa dikole tsa motse wa gagwe go ntsha maduo.
Ka jalo a re ga ba itumedisiwe ke gore ga ba ise ba tshware seelo se se beilweng sa 80%. A re e le bagokgo ba dikole tsa Sefhare ba leka ka tsotlhe tse ba ka di kgonang go tokafatsa maduo a dikole tsa bone mme ba na le tshepo ya gore ba tla a fitlha kwa ba tshwanetseng go fitlha teng. Rre Sekgantsho a re fa sekole se dira sentle se fa botlhe ba ba amegang seriti.
A re ga go ree gore Kgosi Modise o na le madi a mantsi fa a rotloetsa dithuto mo dikoleng tsa motse ka jalo mongwe le mongwe o tshwanetse a tsee malebela mo go se a se dirang. A re gore maduo a tswe mo dikoleng go tlhoka tshwaragano. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Portia Rapitsenyane
Location : SEFHARE
Event : Moletlo was sekolo
Date : 24 Mar 2015