Breaking News

Mokhanselara o supa matshwenyego

24 Mar 2015

Mokhanselara wa Maunatlala, Mme Salome Lesole, o supile matshwenyego mabapi le banana ba ba tsayang mananeo a nyeletso lehuma ba bo ba sa supe kgatlhego mo go one.

O ne a bua jalo kwa bokopanong jo bo neng bo rulagantswe ke ba lephata la tsadiso, kgodiso le tlhabololo ya leruo go tsibosa ba ba ikwadiseditseng mananeo a nyeletso lehuma ka mananeo a masha a ba nang le one mo lephateng la bone kwa motseng wa Maunatlala bosheng.

Mme Lesole a re go setse go supegile gore go na le banana bangwe ba ba tsayang mananeo a nyeletso lehuma a tshwana le la dipodi ba bo ba felela ba sa di tlhokomele di bo di felela di timetse kana di wela mo diatleng tse e seng tsone.

A re bangwe ba felela ba tsaya dipodi ba bo ba di isa kwa mafelong a tshwana le kwa masimo mme ba bo ba di phuaganya le batsadi ba bone ba ba sa kgoneng di bo di felela di nyelela ka di a bo di tlhokile tlhokomelo.

O boletse fa seemo seo se tshwenya fela thata ka puso e dirile mananeo ao gore batho ba intshe mo lehumeng.

A re mo nakong eno go na le letlhoko le lentsi la dipodi mme ba ba saleng ba tsaya dipodi ka lenaneo la nyeletso lehuma e kabo e le bone ba rekisetsang ba ba mo thulaganyong ya go reka dipodi ka lenaneo la nyeletso lehuma.

Mme Lesole o ne a supa fa kgaolo ya Tswapong bokone e le kgaolo e banni ba yone ba leng maoto a tshupa go tsaya mananeo a bone ka madi a ba tshwanetseng go a newa gore ba a dirise mo mananeong a felela a busiwa a le mantsi.

O ne a rotloetsa ba ba tsayang mananeo a go itshetsa jaaka a nyeletso lehuma le a banana go etela diofisi tse di lebaneng go botsa gore ba tlhaloganye tse ba ka tswang ba sa di tlhaloganye di tshwana le malwetsi a leruo.

Rre Gaedupe Mbakile wa lephata la tsadiso, kgodiso le tlhabololo ya leruo kwa Maunatlala o ne a bolela fa ba ne ba bona go tshwanela gore ba tsibose ba ba ikwadiseditseng go tsaya mananeo a nyeletso lehuma ka mananeo a masha a puso e a dirileng.

A re ba ne ba ba itsise ka mananeo a masha a thuo ya mebutla, go lema furu le go suga matlalo ka bontsi jwa bone ba ikwadiseditse go rua dipodi mme ba sa ba patike go fetola se ba neng ba se eleditse.  BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Portia Rapitsenyane

Location : LERALA

Event : Bokopano jwa morafe le lephata la puso

Date : 24 Mar 2015