Breaking News

Komiti e a abela mo-na-le bogole

24 Mar 2015

E rile ka Labotlhano, mophato wa twantsho borukutlhi wa Shageng–Molehele kwa Letlhakeng wa bo o tshwere kabo dimpho go diragatsa letshego lengwe la tebelopele ya 2016 ka go abela mo-na-le bogole ebong Botsutsu Adam.

Fa a simolola ka go supa maikaelelo a letsatsi leo, Inspector Mavis Mbaiwa a supa fa moono wa letsatsi leo e ne e le itshupa ga mophato wa twantsho borukutlhi mo setshabeng  le gone go ithekisa mo go bone ka ditirelo tse ba di dirang. Inspector Mbaiwa are ba twantsho borukutlhi ba ne ba dira kabo dimpho eo go bontsha morafe fa ba sa itebaganya fela le tsa twantsho borukutlhi mme ba itebagantse le gone gape go thusa ba ba kobo dikhutshwane.

 O tsweletse a kaya fa mophato oo wa twantsho borukutlhi wa Shageng–Molehele o ne o leka gape go itsalanya le morafe ka yone tiro ya go abela ba ba tlhokang.

Fa a latlhela la gagwe Moeteledipele wa mophato wa twantsho borukutlhi wa Shageng–Molehele,Mme Mmaselelwane Gakeofetse o ne a kaya fa tiro ya go thusa Rre Adam ba sale ba e simolotse ka ngwaga wa 2014 ka go kokoanya madi go reka tse ba di abelang Rre Adam.

O boletse fa ba simolotse ka go kokoanya masome a mabedi a dipula mongwe le mongwe wa bone mo mophatong mme ba lemoga fa a le mannye ka jalo ba felela ba dira dipampitshana tse ba ka kopang thuso ya madi ka tsone mo morafeng.

 A re ba gwetlilwe go thusa Rre Adam ke mabaka a a farologanyeng a tshwana le botlhoki le bo na le bogole.  A re ba ne ba utlwisiwa botlhoko ke go nna ba bona Rre Adam a tsamaya mo motseng a sa apara mme seo sa ba ama thata mo dipelong. 

Mme Gakeofetse o ne a kaya fa ba abetse Rre Adam diaparo di akaretsa dikipara le marokgwe,dikobo le leterase mme di lopile madi a a kanang ka P800.

 O ne a kaya fa gape a itumeletse tirisanyo mmogo ya bone le mong wa lebenkele la Riverside/Mmewampona Gen Dealer,Rre Neo Khakhunzi go thusa ka dimonamone tse di neng di  jewa gone ka letsatsi la kabo dimpho eo.

Morago ga go amogela dimpho tseo boemong jwa moabelwa ga Rre Botsustu Adam,Malomaagwe Rantshesane Molete o ne a kaya Rre Botsutsu Adam e le mo na le bogole yo o sa kgoneng go ikapesa,yo o sa kgoneng go itlhapisa le gone go ikapeela tota.  A re Botsutsu ke motho yo o lorato mo bathing ebile a ratiwa ke batho le ene. 

O ne a tlhalosa fa a itumeletse go bo ba twantsho borukutlhi le bone ba kgona go tsenya lebogo mo go thuseng setshaba,are batho ka bontsi ba tlaa lemoga fa ba mephato ya twantsho borukutlhi ba sa itebaganya fela le tsa borukutlhi.

Fa ama bana ba gagwe ka lefoko,Assistant Supritendant Daniel Katse,o kaile fa mowa o ba twantsho borukutlhi ba o dirileng e le mowa o montle fela thata,are go botlhokwa thata go nna go gakologelwa ba ba sa kgoneng go itirela. 

O ne gape a kopa ditlhophana tse dingwe tsa twantsho borukutlhi tsa Dikgotla tse dingwe go kopisa mo go se ba mophato wa Shageng – Molehele o se dirileng. Fa a wetsa,Assistant Supritendant Katse o ne a kopa morafe o o neng o tsene kabo dimpho go ikela tlhoko jaaka malatsi a boitapoloso a morena a goroga. 

Are o kopa gore morafe o itshware ka botho fela jaaka ba ntse ba itsaya. 

O ne a kopa gore botlhe ba ba tsenang mo mesepeleng e meleele go ipaa mo dithapelong go tsamaya ba babalesegile. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Moses Mokoanene

Location : LETLHAKANE

Event : Kabo dimpho

Date : 24 Mar 2015