YWCA e alosa baithuti
24 Mar 2015
Mokgatlho wa Young Women Christian Association (YWCA) o ne o tshwere moletlo wa kaloso. Go ne go abelwa baithuti ditlankana tsa ithutelo go thoma ditante le mekgabisa le phepafatso ya matlo.
Fa a latlhela la gagwe, Mme Botho Gaeseitsiwe go tswa ofising ya mopalamente ya Selebi Phikwe Botlhaba, o ne a gakolola dialogane gore poifo Modimo ke tshimologo ya botlhale. Gape a tlhalosa gore motho wa mme ke thari ya setshaba.
O ne a tswelelela gape are motho wa mme o bonwa ka bophepa. A gakolola dialogane go itirela leina ka go bereka ka botswapelo le bonokopila ka barutilwe maele le magokonyane a botshelo. O ne a kopa dialogane go tla go thusa mokgatlho o o mo isagong jaaka le bone o bathusitse.
O ne a leboga bomme ba maloko a mokgatlho oo ka bannile basamarea ba ba molemo ka ba leka go ntsha banana ba ba sa berekeng mo mekgwatlheng.
Mmababana Isabel Ndebele go tswa ko lephateng la banana o ne a gakolola dialogane go etela ofisi ya bone go ta go ithuta ka tsa thuso ya madi a banana. O ne a re ba thusa dikgwebo di tshwana le tsa thuo ya dikolobe, ditante tsa manyalo le tsa go apaa borotho go rekisa, jalo le jalo.
O ne are madi a boa fela mo Selebi Phikwe a sa dirisiwe ka banana ga ba dirise lenaneo leo. Are kgaolo e filwe didikadike tse nne tsa dipula. Banana batsaa dipampiri tsa ikopelo ba bo ba sa di buse mo go ba baying mo mosing wa go akola lenaneo leo.
O ne a gakolola banana gore fa ba busiwa go ya go baakanya dikopo tsa bone ba seka ba ela ruri mme ba kope thuso fa ba sa tlhaloganyeng teng.
Mme Barbara Mosweu e le leloko la mokgatlho mo kgaolong ya bokone botlhaba ba le ko Francistown are, mokgatlho oo o simologile ka ngwaga wa 1962 o tswa lefatsheng la Aforika Borwa morago ga ntwa ya bobedi ya lefatshe. A re Mokgatlho oo one wa atlologela ko bokone ja Botswana.
Are mokgatlho o ogwethilwe ke bana ba basetsana ka ba lebanwe ke dikgwetlho tsa go ima le go dirisiwa botlhaswa mo go ba tsenyang mo diphatseng tsa go ka tsenwa ke mogare wa HIV. Are ba ikgolagantse le lephatla la bong go lwa ntwa ya kgokgontsho molwapeng.
One a tswelela are ba fitlheletse mangwe a maikaelelo a bone jaaka go aga dikolo tsa bananyana mo mafelong a farologanyeng. Kwa Francistown ba agile ntlwana ya ngwana o ruta ngwana (PACT), matlo a borobala a duelwang le lefelo le go rekisiwang dijo. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Gaone Busang
Location : SELIBE PHIKWE
Event : Moletlo wa Kaloso
Date : 24 Mar 2015