Breaking News

'Elang tlhoko se le se jang'

24 Mar 2015

Mogolwane wa lephata la papadi le madirelo, Mme Tuduetso Mothibi, o rotloeditse bajibareki ba motse wa Lehututu mo kgaolwaneng potlana ya Hukuntsi go ja dijo tse di sireletsegileng, di na le boleng mme ebile di rotloetsa boitekanelo.

Fa a bua kwa segopotsong sa letsatsi la mafatshefatshe la ditshwanelo tsa bajibareki kwa Lehututu ka Laboraro, Mme Mothibi o tlhalositse fa go le borai gore bajibareki ba je sengwe le sengwe ba sa ele tlhoko ditlhamorago, a tlatsa ka gore ga se dijo dingwe le dingwe tse di le nang le boleng mo mmeleng.

O tlhalositse gore maduo a dipatlisiso tsa lekgotla la ditshaba la botsogo (World Health Organisation) a supa gore Batswana ba kgatlhegela dijo tse di nang le metswako mme ebile di latlhegetswe ke dikotla ka nako ya fa di tswakanngwa.

A re maduo a dipatlisiso tseo a supa se se bakwa ke go tlhoka kitso ka dijo tse di nang le boleng mme ebile di sireletsegile. Ka jalo, o gakolotse bajibareki go tsaya tsia dithuto tse ba difiwang ke metswedi ee farologanyeng ya thuto mo go tse di amang mohama wa dijo.

Mme Mothibi o tsweletse a gakolola bajibareki gore go tlhaela kitso ka ditlamorago tsa go ja dijo tse di senang boleng e le gone go bakang dintsho tsa malwetse a tshwanang le mmele o mokima mo go feteletseng, bolwetsi jwa madi a matona, bolwetsi jwa sukiri le mafura a mantsi mo mading. 

A re malwetsi a ama itsholelo ya lefatshe ka goromente a tlamega go batla kalafi ya one.

O tsweletse a tlhalosa gore marekisetso a dijo a tsietsa bajibareki ka go ba rekisetsa dijo tse di sa sireletsegang, di fitilwe ke nako ya tekiso ebile e na le mekwalo ee sa boleleng nnete ka boleng jwa dijo tse di rekisiwang.

A re puso e tsibogetse seemo seo ka e dirile melao ee sireletsang bajibareki jaaka molao oo laolang dijo ( Food Control Act) wa lephata la botsogo,molao wa Madirelo a Leruo le Nama( Livestock and Meat Industries Act) le molao oo sireletsang bajibareki( Consumer Protection Act) mo lephateng la Papadi le Madirelo.

Erile a tswa la gagwe, mokhanselara wa Lehututu, Mme Judith Matebu a re bajibareki ba tsene mo diofising tsa puso ba kope thuso ka tse di ba amang. 

A re go le gantsi letlhoko la kitso ke lone le bolayang Batswana mo mhameng wa tsa botsogo.BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Eric Raphuti

Location : TSABONG

Event : Letsatsi la ditshwanelo tsa bajibareki

Date : 24 Mar 2015