Breaking News

Kgwebo ya matlalo e ka nowa moro

24 Mar 2015

Batho ba le bantsi fa ba akanya go tsena mo kgwebong ba batla dikgwebo tse di bogadi bo gaufi, e le ntlha nngwe ya go tila dikgwetlho tse gantsi di tlang le kgwebo.

Ga go hakgamatse go bona batho ba bapile le tsela ba rekisa dimonamone kgotsa dijo mme motho a ipotse gore fa o batla go reka o rekela mang o tlogela mang le gone gore a dipoelo ke tse di kgotsofatsang kgotsa jang?

Se ke sone se dirileng gore Rre Thatayaone Motlokwa, monana yo o tlholegang kwa Thamaga a se ka a ipona tsapa, a tsee tshwetso ya gore a ipulele kgwebo ya go rekisa di-tswa matlalong.

Monana yo, yo o dingwaga di masome mararo, a re o tsere tshwetso e a se na go lemoga fa a na le botsipa le lorato lo lontsi mo go direng ka matlalo ka e bile a ithutile go a suga.   A re dithuto tse o di dirile kwa polasing ya Matlolakgang ka 2005.

Rre Motlokwa a re o ne a simolola kgwebo ya go suga matlalo fa a sena go fetsa dithuto.   Kgwebo e, le fa e ne e reketla ka ntlha ya letlhoko la madi, o ne a tle a tsenelele dikgaisanyo tsa banana tsa Youth Rally kwa Molepolole a sugile letlalo, le bo le tshwantshiwa diphologolo tsa naga, mme a tseye maemo a ntlha mo dikgaisanyong tseo.

A re kgwebo e, e ne ya felela e phutlhama ka ntlha ya go tlhoka madi. Se se ne sa seka sa dira gore a ineele mme a tsaya kgato ya go ikopela madi a go simolodisa kgwebo e gape kwa lephateng la Banana, Metshameko le Ngwao ka lenaneo la Youth Development Fund.(YDF)

O ne a seka a atlega ka a ne a se na dipampiri tsotlhe tse di neng di tlhokega.   Ka 2012 o ne a boa gape a tsenya kopo e e rileng ngwagatlola ya atlega mme a bona dithuso tsa P82 000.

Rre Motlokwa o tlhalositse fa a ne a kgona go reka didirisiwa tsa kgwebo mme a simolola go dira sentle a dira ditlhako, mabante, dibeke tse di dirilweng ka letlalo la podi le go baakanya ditlhako le dilwana ka bontsi tsa letlalo.

A re bothata jo a nnileng le jone ke gore fa a simolola, boleng jwa dilwana bo ne bo le kwa tlase.  Se ga se a ka sa mo kgoba marapo mme a lemoga gore kgwebo ya gagwe e mo fa sebaka sa go ithuta letsatsi le le letsatsi, ke ka moo a kgonneng go tokafatsa boleng jwa dilwana tsa gagwe ka go berekela mo go ithuteng mo diphosong tsa gagwe.

Mo sebakeng se, monana yo a re kgwebo ya gagwe e tsweletse sentle e bile o dira ditlhako tsa boleng jo bo kwa godimo tse di tshwanang le tsa Omega, Grasshopper le tsa manyalo tse ga ntsi a di segelang banyadi le baetsana.

Rre Motlokwa o tlhalosa gape gore dilwana tsa gagwe o di rekisetsa mekgatlho ya mmino wa Setswana ka go farologana le mongwe le mongwe yo o batlang go reka ditlhako tse di thata.  A re batswakwa, bogolo jang basweu, ba rata maseka a gagwe.

O boile gape a tlhalosa gore fa a sale a simolola kgwebo kgwetlho e tona e a e itemogetseng ke gore matlalo a a tura mme se se baya kgwebo ya matlalo mo lefatsheng leno ka fa mosing ka go dira gore ba rekise dilwana tsa bone ka ditlhwatlhwa tse di fa godingwana gore ba bone dipoelo. 

A re fa go nna jalo, bareki ba felela ba reka dilwana tse di tswang kwa mafatsheng a a mabapi ka barekisi ba mafatshe ao ba reka letlalo ka ditlhwatlhwa tse di kwa tlase mme se se dire gore ba rekise dilwana ka tlhwatlhwa e e kwa tlase.

Rre Motlokwa a re o itumeletse go bo puso e tsere tshwetso ya go bula madirelo a tshugo ya matlalo kwa Lobatse ka a dumela gore ba tlaa simolola go reka matlalo ka tlhwatlhwa e e botoka. Le fa go ntse jalo, a re fa a fekeediwa ke go reka matlalo, o tswakanya kgwebo ka go sega mateisi le gone go kgabisa ditlhako ka letsela boemong jwa letlalo go itsa gore kgwebo e eme.

Rre Motlokwa a re o eletsa go godisa kgwebo ya gagwe ka go ruta banana ba bangwe go suga letlalo mme morago e nne bone gape a rekang matlalo mo go bone.  A re mo isagong o ikaelela go dirisa letlalo la mmantota (natural leather) go dira dilwana ka a tlhalosa fa batswakwa ba rata bobe dilwana tse di dirilweng ka letlalo leo.

A re selo se se tlaa dirang gore kgwebo ya gagwe e gole ke gore ga a a tsena mo kgwebong a re o batla go dira madi mme o tsene ka maikaelelo a go tokafatsa boleng jwa dilwana ka a dumela gore boleng jwa dilwana jo bo kwa godimo le go nna pharologanyo go tlaa mo ngokela bareki fa go ntse go ya.  

O tlhalositse gore kgwebo ya matlalo e na le sebaka sa go ka gola ka e ise e tume thata jaaka dikgwebo tse dingwe. A re o akgola puso ka lenaneo la YDF ka le mo dirile se a leng sone.  

Le fa go ntse jalo, o ikuela mo pusong gore e tlhofofatse theko ya matlalo a a metsi kwa ntle ga lefatshe leno. Rre Motlokwa a re go dira tiro ya boithaopo mo mekgatlhong e e farologaneng go mo rutile go etelela pele, bopelotelele le go dira ka natla.

Kgwebo ya gagwe e thapile monana a le mongwe.  Ditlhwatlhwa tsa gagwe di simolola ka P120. go tsena P250.BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Lindi Morwaeng

Location : MOLEPOLOLE

Event : Potsolotso

Date : 24 Mar 2015