Ba Nhabe ba lemela kgwebo
24 Mar 2013
Balemi ba kgaolo ya Nhabe ba tsere dikgakololo tsa go lemela kgwebo le mororo dipula di le boutsana kwa kgaolong eo.
Seo se tlhalositswe ke moanamisa mafoko wa lephata la temo-thuo kwa kgaolong ya Nhabe, Rre Bautule Kealatotse bosheng.
Rre Kealatotse a re thobo e e botoka e bonwa kwa dikgaolong tsa Gumare kwa dipula di leng botoka teng. A re dikgaolo tsa Okavango le Ngamiland tsone gantsi di bona pula e e kwa tlase ebile thobo ya teng e se kalokalo.
Rre Kealatotse a re o bona gore lebaka le lengwe le le dirang gore batho ba tie moko, ke ka go bo thekiso ya kgomo mo kgaolong e e le boutsana ka ntlha ya bolwetse jwa tlhako le molomo. E re le mororo balemi ba rekisa thobo ya bone mo ditseleng le mo bathong ba ba sa lemang, lephata la temo-thuo le lone ga le ipone tsapa go tswa balemi thuso ka teraka e e tsayang thobo go e isa kwa marekisetsong a Botswana Agricultural Marketing Board kwa Maun.
Molemi mongwe wa masimo a Dikgatlhong, Mme Keeme Rebaone, a re go lemela kgwebo go mo thusitse fela thata. O gakolotse balemi ba bangwe go inaakanya le mofuta oo wa temo.
BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Keagisitswe Dioka
Location : MAUN
Event : Tshedimosetso Ka Temo
Date : 24 Mar 2013






