Breaking News

Lomang mapodise tsebe ka bogodu

23 Mar 2015

Mookamedi wa khamphani ya Debswana, Rre Balisi Bonyongo, o kopile Batswana go loma tsebe khamphani ya gagwe le mapodisi ka batho ba ba inaakantseng le go utswa diteemane ka bokukuntshwane.

E rile Rre Bonyongo a rolela banni ba Kalamare ntlo lehalahala e agilweng ke Debswana ka P650 000, a bolela fa e le boikarabelo jwa Batswana go thusana le khamphane ya gagwe gammogo le mmuso go lwantsha go utswiwa ga diteemane ka bokukuntshwane ka ele tsone tse lefatshe leno le ikaegileng ka tsone mo go tswelediseng ditlhabololo.

O boleletse batho ba ba neng ba thologetse moletlo oo, gore fa esale lefatshe leno le simolola go ipusa ka 1966 go tsena gompieno Batswana ba ntse ba ikaegile ka diteemane go tsweledisa ditlhabololo ditshwana kago ya dikokelo le dikokelwana, dikole, tlhabololo ya ditsela, kanamiso ya metsi mo dikgaolong le go tokafatsa matshelo a Batswana ba ba tlhokileng lesego mo botshelong ka go ba agela matlo a boroko.

Rre Bonyongo o akgoletse banni ba Kalamare le baeteledipele ba motse go nna le tirisano mmogo le moono wa go tshwaraganela ditlhabololo tsa motse wa bone ka boipelego jaaka ba kgonne go ikagela sekole se sebotlana le tsela e tshwaraganyang motse wa Mahalapye le Kalamare ka boithaopo.

O tsweletse ka go bolelela banni ba Kalamare fa maikaelelo a khamphane ya Debswana ele go ema mmuso nokeng ka go thusa ka madi a go dira ditlhabololo le go nna le seabe mo ditirong tsa morafe o tshwana wa Kalamare.
Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo mmaetsho Mookodi Legwatagwata o tlhalositse fa tiro e diretsweng banni ba Kalamare ke khamphane ya Debswana ele lengwe la matshego a tebelopele ya setshaba ya 2016 ya tshaba e kutlwelobotlhoko e bile ele tshaba e kgatlhalang ka matshelo a batho ba bangwe.

O iteetse legofi baeteledipele ba motse oo jaaka dikgosi,makhanselara le lekgotla la Kalamare Development Trust gammogo le banana go emela ditlhabololo tsa motse wa bone ka dinao.
Bangwe ba dibui ene ele mokhanselara wa pele Rre Moses Ntlwaaagae le Mme Tshidiso Dialwa yo eleng mongwe wa batho ba ba neng ba lomaganya morafe wa Kalamare le bagolwane ba khampohane ya Debswana mabapi le go agiwa ga ntlo lehalahala eo, e simolotsweng go agiwa ka 2002.

Mopalamente wa Shoshong Rre Phillip Makgalemele a re ele ba kgaolo ya Shoshong ba tlhamile lekgotla le le itebagantseng le go ngokela bagwebi kwa kgaolong eo ka maikaelelo a go bulela banana ba kgaolo eo ditiro tse ba ka itshetsang ka tsone.

Rre Makgalemele yo e bileng ele mothusa tona wa merero ya ofisi ya ga tautona le bodirelapuso o boletse fa khamphane ya Debswana e tshwanelwa ke go phophotlhwa legetla ka jaana e tswa kgakala e thusa mo tswelediseng ditlhabololong tsa lefatshe leno.
Ene e rile gole pele kgosi Goareng Mosinyi a amogela baeng mo kgotleng ya gagwe, a bolela fa ene le morafe wa gagwe ba ikgantsha le go ipelafatsa ka ditiro tse ba dirileng mo motsing wa bone ditshwana tsela e tshwaraganyang motse wa Mahalapye le Kalamare le Sekole se sebotlana tse tsotlhe ba di dirileng ka boithaopo ntleng le kemo nokeng ya mmuso. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Mojaboswa Jabeng

Location : Mahalapye

Event : Kabo dimpho

Date : 23 Mar 2015