Phokoje go tshela yoo dithetsenyana
23 Mar 2015
Mo botshelong jwa se gompieno, go thata ya lentswe, mang le mang o tshela ka mofufutso wa phatla ya gagwe.
Go nna maoto a tshupa go ka tsisa lehuma. Se se builwe ke Mme Thembi Bulala mo potsolotsong bosheng. Mme yo ke motsadi yo o dirileng kgwebo ya go rekisa dijo go lwantsha lehuma mo botshelong jwa gagwe.
Mme Bulala, yoo o saleng ka a fetsa lekwalo la gagwe la bosupa ka ngwaga wa 1983, mme ka go tlhoka lesego one a seka a nna le maduo a a kgatlhisang. Seemo se se ne sa seka sa mo kgoba marapo, a tiya mooko ka go batla go itirela gore a itshetse le ba gaabo.
Kgwebo ya ga mme Bulala e e nang le dingwaga tse masome a mabedi le bothano, e mo tlodidisa melatswana mme botshelo bose bo ye pele. A re kgwebo e e mo thusa ka dilo ditshwana le go duela madi a sekolo, go reka paka ya sekolo, le go baya sese yang maleng mo tafolen.
Mme Bulala yo o segofaditsweng ka bana ba le barataro, mme a sena mothusi o boletse fa a ka seke a ineele, kgotsa anne fela a lebe boeteledi pele jwa lefatshe ka bana ba ka wela mo isong. A gatelela ka gore mokoduwe go tsoswa yo itekang.
O tlhalositse gore le fa ntswa kgwebo etle e wele ko tlase bonyennyaneka jo abo bonang o reka di dirisiwa tsa kgwebo ya gagwe ere go setse sengwe a latlhele ha sebolokelong sa gagwe ko posong. O tswelelala a re le fa itsolelo e reketla ga a phuthe mesobana, a re bangwe ba bareki ba gagwe ba etle ba kolote mme fa kgwedi e fela ba mo atswe. O bua gore tirisanyo mmogo ke yone e mo berekelang.
Mme yoo o dinngwaga di masome a mane le bone a re o rata kgwebo ya gagwe thata le ga ka malatsi a mangwe a kgona go bona madi a kana ka P50.00. Go mo tlama gore a feletse a reka didirisiwa tse di tlhaelang kana a ntshe madi a gagwe a dirise one mme ka phelelo ya letsatsi a tswe fela a iphutlhere a sena morokotso.
Are dipaka ditshwana le tsa dipula di kgona go ama kgwebo ya gagwe ka a dirisa molelo wa dikgong go baakanya dijo tse a di rekisang. Lentswa kgwebo ya gagwe e dirwa ke batho ba bantsi, e bile ba bangwe ba dirisa di dirisiwa tsa segompieno tse di thuthafatsang dijo. Fela jaaka bone baba dirisang maranyana o itlama go dira pharologanyo, ka tatso ya dijo tsa gagwe.
Le fa go ntse jalo mme thembi are o tsere kgwebo e e ka mabaka a gore o e bogadi bo gaufi gape dijo di bothokwa thata ka mmele o tlhoka dikotla.
Mo go a tlhaa la gagwe a bofelo a re o rotlowetsa batho , bogolo jang banana gore ba ikemele ka dinao puso etla ba fitlhela ban ale medi e e ka nosetswang mme e tswe e nne kgwebo e tona. Are letlhoko la ditiro le ama bat ho botlhe mogolo, monana le ngwana tota.
Mme Bulala a re sechaba se nne pelotelele, ka puso e dira ka maatla a bone otlhe go thusa baba saletseng kwa morago. Fa garela are ene o santse a na le tsholofelo e ntsi ya gore ka lengwe la malatsi puso e tla mokgwa dikgaba ka selelo le pitlagano tse a leng mo go tsone. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Setshege Muzila
Location : Tutume
Event : Potsolotso
Date : 23 Mar 2015