Ma Tirelo Setshaba ba abile paka ya sekole
23 Mar 2015
Banana ba Tirelo Setshaba kwa sekolong se se botlana sa Lewis Memorial kwa Molepolole ba reketse baithuti ba babedi ba lekwalo la boraro paka ya sekolo ka P1 330.
E ne ya re a ba ema ka lefoko, Mme Kgomotsego Otlhomile wa lephata la banana le metshameko, o ne a tlhalosa fa banana ba Tirelo Setshaba ba dirile seabe sa go amanya sekolo le setshaba.
O ne a tswelela a tlhalosa ka gore Tirelo Setshaba e diretswe go direla Batswana ka kakaretso. Ba ba abetse paka ya sekolo jaaka ditlhako, marokgwe le dikausu.
Fa a ba kgwa dikgaba mo moletlong wa go aba dipaka tseo, moemedi wa mogokgo wa sekolo seo, Mme Dorcus Ramonkga o ne a lebogela banana ba Tirelo Setshaba go nna le mowa wa neelano le kutlobotlhoko mo baneng.E ne ya re a tlhalosa ka dipaka tseo, mongwe wa banana ba Tirelo Setshaba Mme Lean Seele a re ba ne ba lemoga fa bana bao ba ba onaletswe ke paka ya sekolo.
Mme Seele a re ba ne ba dira kgaisano ya mmabontle, ka maiteko a go kokoanya madi makgetho a le mabedi mme ba bona P1 630.A re ba ne ba reka dimpho tsa bafenyi ka P300. Ba ba abetse paka ya sekolo jaaka ditlhako, marokgwe le dikausu.
Fa a amogela dimpho tseo, motsadi Tebogo Botshabelo o ne a supa boitumelo jo bogolo mme a leboga banana ba ka tiro e boutlwelo-botlhoko jo ba bo supileng. Mme a rotloetsa banana ba Tirelo Sechaba go thusa bana ba bangwe mo sekolong. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Gaone Bonang
Location : Molepolole
Event : Kabo dimpho
Date : 23 Mar 2015