Breaking News

Banana ba Okavango ba maoto a tshupa

23 Mar 2015

Mogolwane mo lephateng le le thusang banana ka madi, Mme Gladys Kelebemang, o supile fa banana ba kgaolo ya Okavango ba le boitsemme thata mo go ikopeleng madi go itshimololela dikgwebo mo kgaolong ya bone.

Fa a bua mo phuthegong kwa Maun bosheng, Mme Kelebemang, o tlhalositse fa ba amogela dipalo tse di felelang mo seatle go tswa Okavango nako le nako fa ba amogela dikopo tsa banana mo ofising ya bone.

Mme Kelebemang o supile fa ba kgonne go neela banana ba le boferabobedi kwa kgaolo ya Okavango e sale ka ngwaga wa 2009/10 go fitlhela ka ngwaga wa madi wa 2014/15 selo se a supileng  fa se sa itumedise ofisi ya bone.

O supile fa ba lemogile fa bontsi jwa di ikopelo tsa banana ba kgaolo ya Okavango di tlhaela kitso e e tseneletse ka dikgwebo tse ba di kopang ka jalo go na thata gore di atlege gore di kgone go ntshetswa madi.

Mme Kelebemang o gakolotse banana go  ikopanya le ba LEA go itse go le gontsi ka go tsamaisa dikgwebo tse ba batlang go tsena mo go tsone gore e re ba tlatsa difomo tsa ikopelo ba bo ba le mo seemong se se siameng.

“Re e letsa gore mo nako ya gompieno banana ba tshwanetse go ema ka dinao gore ba itirele bokamoso ka puso e phutolotse letsogo go bona gore banana ba tshela sentle ka go ba fa madi mahala”, go bua Mme Kelebemang.

O tlhalosetse fa kgaolo ya Okavango e le ee noneng mo go tsa Bojanala le temo thuo ga mmogo le noka ya bone ee na le ditlhapi ka jalo ba ka kgona go tswa ka methale ya kgwebo mo kgaolo eo.
Mme Kelebemang o supile fa go na le lenaneo la dikgomo le e le gore le ka berekela banana ba Okavango ka ba le gaufi le metsi a noka go ka nosa dikgomo tsa bone le fa bolwetsi jwa thako le molomo bo  kgoreletsa.

“Puso e ntshitse madi e ntshetsa banana botlhe go sa kgatlhalesege gore o wa morafe kgotsa letso le fe, ka jalo re kopa go bona banana botlhe ba tsaya kgato”, go bua Mme Kelebemang.
Mme Kelebemang o supile fa ba na le diofisi le bodiredi jo bo emetseng go thusa banana mo dikgaolong tsotlhe, a supa fa banana ba kgaolo ya Okavango ba ka bona thuso kwa Shakawe le Gumare.

“Re setse re amogetse dingwe tsa dikopo tsa banana, ebile re santse re emetse gore banana ba tsenye dikopo tsa bone”, go bua Kelebemang. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Keswetseng Samukunda

Location : Maun

Event : Phuthego

Date : 23 Mar 2015