Breaking News

Banni ba tlhagisiwa ka tlhako le molomo

23 Mar 2015

Motshwarela tona wa Temo Thuo, Rre Patrick Ralotsia, o tlhagisitse banni ba Qabo le Kuke fa go tlhagogile bolwetse jwa tlhako le molomo mo merakeng mengwe kwa kgaolong ya Ngami ka jalo batshwanetse go ema ka dinao go bona gore bolwetse joo boseka jwa tla mo kgaolong ya bone.

Motshwarela tona o buile mafoko ao bosheng fa a ne a buisa phuthego ya kgotla kwa metseng eo mabapi le tlhagogo ya bolwetsi joo.

A re meraka e go tshwerweng bolwetse kwa go yone ke ya Kareng , Motlopi2, Maxibo le Mokgalo mme meraka eo e bapile le metse ya bone ke sone se se direleng gore atle go tshwara phuthego go ba tlhagisa ka bolwetse joo ka bo le diphatsa mo matshelong a bone.

Tona Ralotsia o tlhaloseditse banni bao gore fa bolwetse joo bo ka tsena mo kgaolong ya bone go raa gore theko ya dikgomo e tla emisiwa . O kopile banni bao gore batlogele go ya go tsaya nama le mashi kwa merakeng eo fa e le gore bane bantsi ba dira jalo ba emise go dira jalo ka ponyo ya leitlho ka gore ga b aka tswelela badira jalo ba tlanna le mathata.

Mothwarela Tona a re mme fa baka ema dinao ba thusa banna leitlho la Puso gobona gore dinama le mashi ga ditlodisetswe mo Metseng ya bone ka dinako tsotlhe bolwetsi joo ga bona go tla mo Kgaolong ya bone.

Rre Ralotsia okopile banni bao gore fa ba bona bangwe batla ka dinama tse ba dibelaeleng batshwanetse go bolela mapodisi kana bodiredi jwa matlhoku a leruo ka bonako. A re bolwestsi jwa tlhaku le molomo fa botsene mo kgaolong ya bone go tla sala selelo le khuranyo ya meno.

A re bolwetsi jwa tlhaku le molomo botshwanetse go tsewa ka tlhwaafalo go sena bohirihiri mo teng ka gore fa o ka dira bohirihri itse gore o e tlhabile thipa mpeng,mme ebile obolaele Batswana ba kgaolo ya gago.

Motshwarela Tona A re Lephata la gagwe le dirisa madi amantsi go lwantsha bolwetsi joo, mme ele ntateng ya barui bangwe fa go kentewa dikgomo ba sa tlise dikgomo tsa bone tsotlhe go tla go kentiwa
A re dikgomo tse di sa kentiwa tseo ke tsone tse di di rang gore gonne le tlhagogo ya bolwetsi jwa tlhaku le molomo. Okopile Batswana go thusana le bodiredi jwa lephata gagwe fa ba kenta dikgomo go bona gore dikgomo tsa bone tsotlthe dikentilwe ga gona e e saletse kwa morago go tila mathata ao.

A re lefa ditlou dkgaola tarata ya matlhoku a leruo ee kgaogantseng Kgaolo ya Ngami le Kgaolo ya Ghanzi gona le batho bangwe ba banang le seabe mo go kgaoleng tarata eo kajalo okopile batho ba gonna jalo go emisa go dira jalo.

Mothswarela Tona a re fa o bona motho a dira jalo ke motho yo osenang boikarabelo ebile yo o sa e tshwareng sentle. One a rotloetsa banni ba Metse eo go dira dikomiti tsa makgatlo ya barui ka gore mekgatlo eo ena le mosola thata mo matshelong a bone.

Erile baakgela banni ba Qabo le Kuke bangongorega katarata ya matlhoku a leruo e sa bolo go senyega bakopa Motshwarela Tona gore tarata eo e bakangwe kabo nako ka gore ga esa bakangwe ba tlanna le mathata a bolwetsi joo.

Banni ba Motseng wa Kuke bone bakopile gore fa kgorong ya Kuke go tsengwa gate e tla kganelang dikgomo gotswa kwa kgaolong ya Ngami go tsenelela mo Kgaolong ya Ghanzi.banni bao ba supile fa kgorong eo gone ga tsena kgomo ya Kgaolo ya Ngami go tla mo Kgaolong ya Ghanzi mme bane ba bolela bodiredi jwa lephata la matlhoku a leruo.

Erile Motshwarela Tona araba dingongorego tsa bone a ba bolelela gore batla buisana le mokwaledi wa lephata go bona gore tarata eo ya bakangwa ka bofefu.
Mokwaledi wa Lephata leo Dr Micus Chibombi one o tlhaloseditse banni bao gore bone batshwanetse go e popa ditlhopa tse di yang go dira tarata eo, mme ba lephata la gagwe mo Ghanzi ba tlabo ba ba thusa ka dikloi le tse ditlhokafalang. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Fredricah Nguahoka

Location : Ghanzi

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 23 Mar 2015