Modiri o tlhalosa lenaneo la manyena a dikgomo
23 Mar 2015
Go bolelwa fa lenaneo la go tsenya dikgomo manyena le emiseditse le le ntseng le le teng la go di jesa omang.
Mafoko a, a boletswe ke mogolwane kwa lephateng la temo thuo, Rre Ignitius Sennanyana, kwa phuthegong ya kgotla e e neng e biditswe ke mopalamente wa Ramotswa, Rre Samuel Rantuana.
Rre Sennayana o boletse fa lenaneo le, le tla a tsamaisiwa ke barui mme gore morui a le dirise o tshwanetse a bo a na le tshipi ya dikgomo e e mo tirisong, a bo a ntsha le P10, mme a direlwe setlankana se se lekanang le karata ya Omang.
O boletse gore ka setlankana seo morui o letlelelwa go ya go reka manyena a dikgomo a palo e a e batlang, mme ba gakololwa gore ba seka ba a fapaanela, ka jaana go dira jalo ba tla a bo ba abile dikgomo tsa bone. O gakolotse gape fa barui ba tla a rutwa gore manyena a a tsenngwa jang, a bo a gakolola barui gore ba dirise lenaneo le ka le tla a ba solegela molemo.
Mopalamente wa Ramotswa Rre Samuel Rantuana, o ne a supa fa puso e ntshitse lekgetho mo dijong dingwe jaaka bogobe, raese, phaleche le sukiri, a bo a tlhalosa ba bagwebi bangwe ba sa sale molao morago mme go le botlhokwa gore ba ba tsenye leitlho.
O boletse fa tona wa lephata la pereko le tsa selegae Rre Edwin Batshu, a beile palamente pele molao kakanyetso wa go kwadisa dikereke ka maloko a le makgolo a mabedi le masome a matlhano, morago ga go tshwenngwa ke go runya ga tsone gongwe le gongwe.
Mopalamente o tlhalositse fa mo nakong eno, kereke e kwadisiwa ka maloko a le lesome fela, ka jalo go bo go nna motlhofo go e kwadisa, mme batswakwa ba tseye sebaka se go tla tseela Batswana madimadi, ka ba lemogile fa ba le motlhofo go kgaogana le one.
Erile ba ntsha la bone, Balete ba ne ba farologana ka mogopolo, bangwe ba ne ba kopa gore go emisiwe go kwadisiwa ga dikereke gotlhelele, ka tse di setseng di le teng di fetile palo, bangwe ba kopa gore palo e e akantsweng e okediwe go ya kwa go makgolo a matlhano.
Mo go tse dingwe ba kopile gore marekisetso a dijo le molemo ya leruo a tlisiwe mo magaeng, ba supa fa gantsi madirelo ao a le kwa ditoropong mme go ba turela go e latela koo.
Ba supile fa ba na le batshameki ba ba tshamekang mo liking e kgolwane ba feta lesome mo motseng wa Mogobane, mme bakatisi ba bone ba sa lemogiwe. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Puseletso Kenyaditswe
Location : Mogobane
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 23 Mar 2015






