Breaking News

Machaneng Youth Arts ga e ipone tsapa

23 Mar 2015

Machaneng Youth Arts ke setlhopha sa banana ba Machaneng kwa kgaolong ya Tswapong se maikaelelo a sone e leng go tsamaisa molaetsa ka go dira metshameko.

Setlhopha se se simolotse morago ga lenaneo la ga Tautona la metshameko ya banana, maikaelelo e le go ntsha banana mo mebileng ka go ipopa ditlhopha tse di phadisanyang mo dikgaolong tsa bopalamente mme ba atswiwe ka madi.

Fa e sale lenaneo le le nna teng, setlhopha se ga se ise se wele tlase mme se tsweletse ka go gapa maemo a ntlha mo kgaolwaneng  ya bokhanselara ga mmogo le mo kgaolong yotlhe.

Setlhopha se, se se dirilweng ka banana ba ba sa berekeng, ga se a ka sa ipona tsapa, se ne sa nna fa fatshe go batla maano a a tlaa ba kgontshang go itirela madi go na le go baya fela mo go a ba a fiwang ke puso fa go na le dikgaisano.

Ke sone se ba neng ba dira setshwantsho sa motshikhinyego se se supang metshameko ya bone, mme ba afa tona wa banana, metshameko le ngwao wa nako eo, Rre Shaw Kgathi mpho ya kgatiso ya metshameko ya bone ya motshikhinyego.

Rre Shaw Kgathi o ne a itumela thata mme a tlhalosa fa a tlaa reka mpho eo ka P500 go rotloetsa setlhopha, a tlhalosa fa ba dirile tiro e tona thata go tla ka mananeo a mangwe mo godimo ga se puso e ba thusang ka sone.

Mogolwane mo setlhopheng seo, Mme Ookeditse Montsi o tlhalositse fa setlhopha seo se ne sa dirisa madi a dikgaisano go dira kgwebo ya dikoko.

A re ka maswabi kgwebo eo e ne ya seka ya tsamaya sentle ka ba ne ba se na botsipa jwa go tsamaisa kgwebo mme ya phutlhama.

O kopile gore puso e tokafatse lenaneo le ka go ruta banana gore ba ka dirisa madi a ba a ikgapelang ka tsela e e ntseng jang gore ba kgone ba tokafatse matshelo a bone.

Le fa go ntse jalo, setlhopha se tsweletse ka go tshwaragana le maphata a puso go fetisa melaetsa kwa setshabeng ka metshameko, a tlhalosa fa ba natefisitse mo ditirong tsa maphata a a farologaneng mo Machaneng.

A re selo se se tlang se isa setlhopha kwa tlase ke letlhoko la ditiro, ka jalo ba tshoga gore maloko a tlaa phatlalala go batla ditiro.

Mme Montsi a re botswerere ke selo se se botlhokwa se se ka kgonang go jesa banana mme a leboga puso ka lenaneo la badiragatsi la dikgaolo tsa bopalamente ga mmogo le la dikgaisano tsa ga Tautona.

A re banana ba sa ntse ba tlhoka thotloetso, e seng fela mo pusong, a kopa dikhamphanitse di ikemetseng go tshwaragana le puso go rotloetsa botswerere jwa banana. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Kgotsofalang Botsang

Location : PALAPYE

Event : Potsolotso

Date : 23 Mar 2015