Breaking News

Fa nta di nyeletse lehuma o a latela

23 Mar 2015

Ka Setswana sa lona lo a re lehuma la nta ya tlhogo, nna kwa ke tswang teng nta re di amanya le botlhodi.... a ke mafoko a ga Sumbe Ongadile, mothusa mogokaganya ditirelo tsa nyeletso lehuma mo ofising ya ga Tautona.

Mafoko a, a sesupo sa fa nta e sa amanngwe le sepe se sentle.  Ke ka moo ’sika loo motho lo nyeleditseng setshidinyana se e bile lo bone go le maleba gore se seka sa sirelediwa. 

Fela jaaka nta di phuthile ga tsone tsa ikela golo go sa itseweng, puso e boloditse ntwa e e mashetla  go nyeletsa motlhala wa lehuma le le amanngwang le nta.  Batswana ba ba amilweng ke seemo se ke ba ba kaiwang fa mo letsatsing ba tshela ka madi a a kana ka $1.25.  

“K e madi a e reng fa re a fetolela mo leding la pula e be e ka nna P10. Go ngomola pelo. O ka a ja eng ka P10?” ga botsa Ongadile yo tema e a e segetsweng e tshwanetseng go wela ka 2017. 

Ongadile ga a mo seemong sa go ka supa dipalo tsa seemo sa lehuma ka ba ikaegile ka dipatlisiso tsa Statistics Botswana.  Mo nakong e, maduo a dipatlisiso tsa 2009/10 (Botswana Core Welfare Indicator Survey (BCWIS) ke one a a mo tirisong. 

Ka nako eo, 19.3 mo lekgolong kana batho ba ka nna dikete di le makgolo mane mo palong gotlhe ya batho ba lefatshe leno e ne e amilwe ke lehuma. Mme mo palong e, 6.4 mo lekgolong kgotsa batho ba abelelwa go nna dikete di le lekgolo le masome mane ba tshelela mo go la nta e tshetlha.

BCWIS e supa fa bomme e le bone ba ba amilweng thata ke lehuma ka 10.7 mo lekgolong.  E re ntswa maduo a sa supe gore tota matsapa di ka tswa di a tsaya kae, Ongadile o tlhalosa gore, kabelelo ke gore bomme ke bone batshodi le batlhokomedi ba bana fa borraabo ba ‘gatilweng ke diterena’.

Ga go tlhalosege sentle gore ke ba dingwaga di fe ba ba amilweng ke seemo se mme Ongadile a re kwa dikgaolong badiri ba tshwere ka natla tiro e ya go batlisisa.  Fela go supagala fa kgaolo ya Bokone Bophirima e le yone e gateletsweng thata e latelwa ke dikgaolwana dingwe tsa legare. 

Fela jaaka ina la gagwe, Ongadile, lehuma o le ngaletse ebile o le ngadile. O eme sentle le lekoko la gagwe ka jaana tona wa tsa madi a ba tiisitse moko ka didikadike di le lekgolo le masome marataro tsa dipula.

Dikwalo di supa fa go se Motswana ope yo o batlang go nna phokoje wa morago ka jaana palo goboka ya batho ba le dikete di le masome a a robang bongwe le botlhano di ikopetse dithuso. 

Mo ditshekatshekong tse di dirilweng, ba le dikete di le masome marataro le motso, makgolo a supa, masome a robabongwe le motso, go supagetse fa ba tshwanelwa ke go inolwa mo lehumeng.

Ongadile a re ba le dikete di le masome mararo le borataro, makgolo a mane, masome a mane le borobabongwe ba setse ba amule sengwe.  Mo lenaneong le la go lwantsha mmaba lehuma, puso e setse e ntsheditse madi ditiro tsa ditlhabololo di le dikete tse di lesome le bone, lekgolo le masome a roba bongwe le borobabongwe.  

Mo palong gotlhe ya ba ba sekasekilweng, go na le ditiro tsa ditlhabololo tse di iseng di simolodisiwe, dingwe di mo tshimologong fa di ka nna makgolo mane di phutlhame ntateng ya go phuaganngwa ke beng ba tsone.  E re ntswa Ongadile a tsamaya mosepele o ka lobelo le kelelelo, dikgoreletsi ga di kitla di tlhokafala. 

Dingwe tsa tsone di akaretsa tiego ya go dira ditshekatsheko ka jaana lenaneo le le ikaegile mo dithusong tsa ba boipelego ba le bone ba fekeediwang ka dipalo tsa baikopedi le tlhaelo ya dikoloi. 

Bangwe ba tlhopha dikgwebo tse ba se nang kitso ya tsone mme ba rutuntshiwe pele.  Tlhaelo le ditlhwatlhwa tsa metsi tse di kwa godimo ke dingwe tsa dikgwetlho tse di amileng temo ya digotlo. 

Ka tota phologolo e motho e a tle e iketse lelobu, bangwe ba phuaganya dikgwebo tsa bone ba batla tse di bogadi bo gaufi.  Le fa ntse jalo, Ongadile o ipelafatsa ka dikgwebo di ka nna makgolo a roba bobedi, masome a mabedi le borobabobedi tse di dirang sentle thata. 

Tse di akaretsa kgwebo ya tsa kapei ya marotho ya ga Joseph Itumeleng wa kwa Francistown, petlo ya dikesi ya kwa Qabo, kapei, phiriso ya ditante le tshingwana ya merogo ya kwa Molepolole le ya mo-na-le bogole kwa   Mmathubudukwane.

Go leka go kaba diphatlha, puso e tlaa leka go tsholetsa ba ba setseng ba le mo dikgwebong go leka go thama mebereko ka ga se botlhe ba ba mo letlhokong ba e leng gore ba kgatlhegela go tsena mo kgwebong.

Ga go na bobelontle jo bo ka gaisang jwa puso ka e dira ka gotlhe mo e nang nago go fa Motswana mongwe le mongwe seriti, ka jalo go mo maruding a ba ba nnileng sego go bona meamuso ya puso go e somarela go nyeletsa mmaba lehuma.

Moalo o o fa godimo o supa ka fa P520 million a dirisitsweng go tokafatsa matshelo a Batswana ka teng. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Ndingililo Gaoswediwe

Location : GABORONE

Event : Potsolotso

Date : 23 Mar 2015