Dikgosana di tswanetse tsa nna seopo sengwe
22 Mar 2015
Dikgosi tsa dikgotla di tshwanetse go ikitse le go nna seopo sengwe e sere gongwe ba tsenya mhoholela mo gare ga bone mme ba tloga ba iphitlhela ba latlhile merafhe.
Mafoko a, a builwe ke modulasetilo wa lekgotla la dikgosana wa kgaolo ya Ngwato Legare, Kgosi Jakoba Gaamangwe wa kgotla ya Sengwato, mo thutopuisanong ya magosi mo Serowe bosheng.
Kgosi Gaamangwe o buile fa moono mogolo wa puisano e, e le go ipaakanyetsa phuthego kgolo ya lekgotla leo e e tlaa tshwarwang kgwedi eno e ya fifing mo Serowe.
O tlhalositse fa dilo di le dintsi tse di fatlhang e bile di ba kgaoganya mme ke nako ya gore ba kopane go ipua e le ba kgaolo ya Serowe go ntsha megopolo e e ka baakanyang melao le go tshwaragana jaaka dikgosi.
Kgosi Gaamangwe a re therisanyo ke mothao o o nitameng wa lefatshe leno, ga mmogo le go direla dilo mo pontsheng go rotloediwa thata ke puso. A re mme fa ba ka itlhokomolosa dilo dingwe tse magosi a a mo kgotleng e tona a di tseelang tshwetso, morafe o tlaa ba tlhoboga ka bogosi jo bo ikgaoganyang bo swahala.
A re e le dikgosi tsa dikgotla ba a etsaetsega ka fa dilo dingwe di dirwang ka teng, mo dikgang dingwe di setseng di ile kwa dikgotleng tsa tsheko ka ntata ya tsamaiso e e sokameng.
Kgosi Moletsane Lerubisi wa kgotla ya Makolojwane o ne a kopa magosi mo kgaolong ya Ngwato go kgothatsa morafe go kokoanyetsa phuthego kgolo e e tlang madi a ba a kopilweng.
Kgosi Lerubisi o tlhalositse fa madi ao a tshwanetse go romelwa le baemedi ba ba tswang mo kgaolwaneng nngwe le nngwe gore phuthego eo e atlege.
O ne a gakolola batsena thutopuisano eo gore baemedi ba ba yang phuthegong kgolo ba tshwanetse ba bo ba na le setlankana sa boloko.
Kgaolo ya Ngwato Legare e bopilwe ka dikgaolwana tsa Mothamo, Letlhakane, Paje le metse e e mo tikologong ya Serowe. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Lesego Kelediyakgotla
Location : Serowe
Event : Thuto puisano
Date : 22 Mar 2015