Zwenshambe o atla pitso
22 Mar 2015
Banni ba Zwenshambe ba atlile pitso e e neng e rulagantswe ke mokgatlho wa Sebina o o tlhokomelang bana ba dikhutsana le balwetse e ba neng ba e tshwaraganetse le ba mokgatlho wa Galabgwe, o one o itebagantseng le itlhatlhobelo mogare wa HIV.
Pitso e, e ne e le go rotloetsa banni ba Zwenshambe go itlhatlhobela HIV, go ba nonotsha ga mmogo le gone go ba rutuntsha ka borai jwa go sa itseng seemo sa bone sa mogare.
Mo potsolotsong le mookamela mokgatlho wa Galabgwe, Rre Tebogo Tsheko bosheng, o tlhalositse fa banni ba Zwenshambe ba supile kgatlhego e ntsi thata ya go itlhatlhobela mogare go na le mo mafelong a mangwe mo kgaolong ya Bokone Botlhaba.
A re o itemogetse fa batho ba rata go tsisediwa ditlamelo go na le go di latela. Rre Tsheko a re ba etse tlhoko gape fa batho ba se na yone nako ya go ikatametsa kwa dikokelwaneng go ya go itlhatlhobela HIV kana gone kwa mafelong a a nang le ditirelo tseo, ka bontsi jwa bone ba bereka mme e bile ba tswa kwa ditirong madirelo a tswetswe.
A re fa ba atameletsa Batswana ditirelo jaana, motho o kgona go ipha sebaka go tla go itlhatlhoba e ka nna ka nako ya dijo tsa motshegare kana fa a sena tiro e ntsi. O tladitse ka go re mo dipitsong tsotlhe tse ba nnileng le tsone, banni ba Zwenshambe ke bone ba supileng thotloetsego e ntsi ka go tshologa ka dipalo tse di kwa godimo.
A re e re ka madirelo a bone a le kgakala le batho, ba ne ba ipeela seelo fela sa go thusa segolo batho ba fera bobedi ka letsatsi, mme a tlhalosa fa ba dira dipitso di tshwana le e, ba tsamaya motse le motsana ba kgona go thusa batho ba feta masome a mabedi ka letsatsi mo e leng gore go a ba itumedisa.
A re o sa ntse a tshwentswe ke gore o ka re batho ga ba ise ba tlhaloganye mosola wa go itlhatlhoba ka bangwe ba sa ntse ba tshaba le go ka ikitse seemo mme se le diphatsa mo matshelong a bone ka ba ka se itse gore a ba tsoga sentle kana jang.
O tsweletse ka go re e re le ntswa ba itlamile go thusa Batswana ka botswapelo, ga mmogo le gone go atametsa ditirelo kwa go bone, ba sa ntse ba na le kgwetlho e tona ya ditante tse ba di dirisang go tlhatlhobela batho mo go tsone. A re mo nakong ya gompieno ba na le tante e le nngwe, ka jalo ba a sokola, segolo jang fa batho ba tsile ka bontsi.
Rre Tsheko a re ba sa ntse gape ba na le kgwetlho ya lookwane. A re e re ka mokgatlho wa bone e le o o ikemetseng, ba sokola go bona madi go tshela koloi lookwane go isa ditirelo kwa mafelong a a kgakala le ditlamelo. A re ga ba kgone go goroga kwa mafelong a a kgakajana le Masunga.
A re fa ba ka bona lookwane mathata a bone a nyelela ka ponyo ya leitlho e bile ba ka thusa Batswana ka bokgabane, segolo jang bone ba ba kgakala le ditirelo.
E rile a tswa la gagwe, Mme Gape Moshabi go tswa kwa Sebina ene a okametse mokgatlho wa bana ba dikhutsana le balwetse a re maitlamo a bone ke go rotloetsa ba ba sa nweng dipilisi tse di ritibatsang HIV sentle, ba ba rutuntsha ka one mosola wa tsone le bodiphatsa jwa go di tlodisa.
A re ba tlaa tswelela ba tshegetsa balwetse kwa mokgatlhong wa bone le mo kgaolong ya Bokone Botlhaba go ba nonotsha le go ba sidila maikutlo, segolo jang bone balwetse ba AIDS, kankere le a mangwe a a borai.
Go ya ka mongwe wa bagakolodi ba ditirelo tsa twantsho-mogare wa HIV mo kgaolong ya Bokone Botlhaba ka kakaretso, Mme Kushatha Mozoko o tlhalositse fa ene a tshwentswe ke bomme ba ba sa tlhatlhobeng bana ba bone fela jaaka ba laetswe ke ba bongaka, segolo jang bomme ba ba tsenelelang lenaneo la thibelo mogare go tswa mo go mmangwana go ya kwa loseeng lo lo imilweng.
A re bomma-bana ba ba tshelang ka mogare ba tlhatlhoba bana beke tse pedi tsa ntlha morago ga pelegi ba bo ba iketla ba sa busetse bana kwa dikokelong go ya go tlhatlhojwa gape.
A re e le mongwe wa ba ba itlamileng go lwantsha seemo sa mogare mo kgaolong ya Bokone Botlhaba o tshwentswe ke ka fa mogare o o tsweletseng ka go jwelelela ka teng le ntswa go na le mafelo a le mantsi a a thusang ka ditirelo tsa itlhatlhobo. O ne a akgola banni ba Zwenshambe go bo ba tsibogetse botsogo jwa bone go itse seemo sa bone sa mogare wa HIV. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Gladys Olebeng
Location : Zwenshambe
Event : Pitso
Date : 22 Mar 2015