Breaking News

Banana ba rotloediwa go aba madi a mmele8232

22 Mar 2015

E re le ntswa seemo sa dikotsi tsa dikoloi se tshwenya le ba botsogo ba nna fela ka go tlhaba mokgosi mabapi le tlhaelo ya madi a mmele kwa polokelong ya one, banana ba sa ntse ba le maoto a a tshupa go tsibogela kgang ya kabo ya madi a mmele.


Fa a bua mo potsolotsong le BOPA, mogolwane mo lephateng la kabo ya madi mo Mahalapye, Rre Kutlwano Gaerupe o kaile fa ba boloditse letsholo la go tsamaya mo Mahalapye le metse e e mabapi ba kopa Batswana go aba madi a mmele.


Rre Gaerupe a re lebaka la go bo ba dira se ke gone go bo go na le tlhaelo ya madi e e ba lebaneng mo lephateng la botsogo.

O tlhalositse fa go nametsa pelo go bo ba bona baeteledipele mo motseng le go tswa mo maphateng a a farologaneng a puso ba etelela pele ka ba ne ba iketleeletsa go tla go aba madi a mmele.


Rre Gaerupi o ne a lebogela baeteledipele ba ba neng ba tswa letsholo le badiri ba dikhamphani go bo ba bone go le botlhokwa go nna sekao mo setshabeng.
 O gwetlhile banana go tsaya malebela mo bagoging ba mme le bone ba kgothale go aba madi a mmele go boloka matshelo.


A re go a swabisa go bo go na le batho ba ba reng ba batla go duelelwa go aba madi a mmele le ntswa madi a a dirisediwa go boloka matshelo a ba ba latlhegetsweng ke madi mo mmeleng ka kamego mo kotsing, mo loarong le ka nako ya pelegi, a tlatsa ka go tlhalosa fa se se sa diragalele motho ope ka boikgethelo, ka jalo mongwe le mongwe a ka amega.


Ka jalo o ikuetse mo bananeng go thusa ba polokelo ya madi a mmele le go nna le pelo ya boutlwelobotlhoko.


Rre Gaerupi a re kabo ya madi a mmele e sireletsegile, ka jalo Batswana ga ba a tshwanela go tshwenyega ka go re a madi a a ajwang a sireletsegile ka madi a a tlhatlhojwa pele ga a ka tsenngwang mo tirisong go boloka matshelo.


O kopile Batswana gore ba seka ba tshaba go aba madi a mmele. A re ba gakologelwe gore kabo ya madi a mmele e boloka matshelo, ka jalo fa ba aba ka bontsi palo ya matshelo a a bolokesegang le yone e a oketsega.
 ENDS

Source : BOPA

Author : Mpho Maswikila

Location : Mahalapye

Event : Potsolotso

Date : 22 Mar 2015