Serudi o latswitswe ke tlhware
22 Mar 2015
Morafe wa Balete ba Mogobane, o dumalanye ka bongwefela jwa pelo, go tlhoma Rre Serudi Moilwa go thiba phatlha mothusakgosi, morago go ga go tlhokafala ga ga rraagwe ngogola.
Erile a ba lekodisa, kgosikgolo Mosadi Seboko, a tlhalosa fa ba simolotse morero le ba ntlo ya Goora Moilwa, go ba tlela ka leina la yo o tla a tlhatlhamang Kgosi Ralenki Moilwa, yo o tlhokafetseng ngogola, mme ga nna tiego ka ba ne ba sa kgone go tla ka leina la motho a le mongwe.
O tlhalositse fa ba ntse ba dira ba tlhaela ka ntlha ya se, mme boora Moilwa ba ne ba kopa thuso kwa bogoging jwa Ramotswa, jalo ba ba tlela ka leina la ga Serudi, yo ba neng ba mo itse gore o ne a ba thusa le ka nako e moswi rraagwe a ne a sale botshelong.
Kgosi Mosadi o tlhalositse fa molao wa bogosi o supa fa maemo a, a sa jewe boswa, mme fa ba baya kgosana ba tshwanetse go rerisana le morafe mme morago ba ise leina la yo ba mo tlhophileng kwa go tona, go ya go le rurifatsa.
O tlhalositse fa maemo a, a neelwa kgosana go tla a dira thomo e a e neelwang ke Kgosi, a supa fa tiro ya Kgosi e le go leka go thusa le go tlhokomela setshaba gore ba seka ba wela mo isong, go ba neela mananeo a puso, go ba sidila maikutlo le go ba sekisa ba sa sokamele ntlheng epe.
O boletse gape fa tiro e nngwe e tona ya kgosi e le go lwantsha borukutlhi, a supa fa nako tse dingwe ba tlamega go bereka dioura tse dintsi tse di fetang tsa badirelapuso ba bangwe.
Morafe o ne wa supa fa ba amogela leina leo ka bongwefela jwa pelo, ba supa fa Rre Serudi a le senatla gape a supa fa a ka nna moeteledipele.
Erile a tswa la gagwe, Rre Serudi Moilwa, o ne supa fa a amogela thomo, a supa gore fa a ka atlega, o eletsa go bereka le banana gore ba goge batsadi ba bone go ya pele.
O supile fa tlotlo, lorato, bopelotelele le neelano e le tsone tse di ka bopang morafe, a bo a supa fa a ka se swabise morafe wa ga gabo. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Puseletso Kenyaditswe
Location : Mogobane
Event : Phuthego
Date : 22 Mar 2015