Breaking News

Puso e dira bojotlhe go lwantsha bolwetse

22 Mar 2015

Motshwarelela mothusa Tona wa Temo-thuo Rre Fidelis Molao o tlhalositse fa badiri ba matlhoko a leruo ba ntsifaditswe le didirisiwa tsa bone go mekamekana le bolwetsi jo bo tlhagileng jwa tlhako le molomo mo kgaolong ya Ngami.

Rre Molao o buile seo mo phuthegong ya kgotla kwa Semboyo , mme a re lephata la temo-thuo le tsere tshwetso ya go simolodisa go kentiwa ga dikgomo tsotlhe mo Ngamiland. Seno se tla morago ga tlhagogo eo ya bolwetsi le fa lenaneo la bone la mokento le ne le tshwanetse go simololwa ka kgwedi ya Moranang.

O tlhalositse fa tshwetso eo e tserwe go kganela gore bolwetsi jwa tlhako le molomo jo bo bonweng bosheng kwa lesakeng la Maxebo kwa Kareng bo ise bo aname le kgaolo yotlhe. Gape o tlhalositse fa go tla a tswelela go emisitswe motsamao wa leruo le theko ya dikgomo ke ba Botswana Meat Commission (BMC).

A re ba BMC ba ne ba le mo lenaneong la go reka dikgomo mo kgaolong eo, mme ka jalo ba emisitse go fitlhela seemo se siama. Le fa go ntse jalo, Rre Molao o ne a kopa banni ba Semboyo gore ba tshwaragane le ba temo-thuo go lwantsha bolwetsi jwa tlhako le molomo. O ne a re fa ba ka tsaya boikarabelo jwa go tlhokomela leruo la bone le go obamela go kentiwa ga tsone b aka felela ba fentse seru sa tlhako le molomo.

Rre Molao o ne a tlatsa ka gore bolwetsi jwa tlhako le molomo bo kile a bo bo aname le Botswana jotlhe, mme jwa nyelediwa mo mafelong a mangwe jaaka Bobirwa, A re mo Ngamiland bo gakadiwa ke diphologolo tsa naga jaaka dinare, mme fa barui ba ka tlhokomela diterata seemo se ka kgonagala.

Rre Molao o ne gape a gwetlha barui go itsa go tsamaisa leruo eseng ka fa molaong fa dikgaolo tse di senang tlhako le molomo di bulelwa go rekisa, a re seo se ka kgoreletsa maiteko a go lwantsha bolwetsi.Banni ba Semboyo ba ne ba ikuela gore palo ya ditlou e oketsegile, ka jalo le tshenyo ya tsone ya terata e e kgaoganyang diruiwa le diphologolo tsa naga e oketsegile.

Ba ne gape ba re ditlhwatlhwa tse BMC e rekang nama ya bone ka tsone e ko tlase le fa botshelo jone bo tura. Fa a tshwaela, mogolwane go tswa BMC Rre Mothobi Mothobi o ne a tlhalosa fa BMC e okeditse palo ya dikgomo tse e di rekang mo ngwageng oo fetileng le ngwaga ono. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Kedirebofe Pelontle

Location : Gaborone

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 22 Mar 2015