Breaking News

LEA e lootsa bagwebi

22 Mar 2015

Ba lekalana la Local Enterprise Authority kwa Masunga mo kgaolong ya Bokone Botlhaba ba sa tswa go rulaganya letsatsi la pitso ya bagwebi bosheng, e mo go yone bagwebi ba neng ba tlhatlhelelwa le go fiwa maele a go tsamaisa dikgwebo tsa bone.

Fa a amogela bagwebi ba kgaolo ya Bokone Botlhaba le ba kgaolo potlana ya Tutume kwa letsatsing leo, le le neng le tshwaretswe kwa Masunga, mookamedi wa lekalana la LEA kwa Masunga, Mme Segakolodi Ntebele o ne a ba kopa go akaretsa ba-na- le seabe botlhe mo kgwebong gore dikgwebo tsa bone di kgone go tswelela di itshetletse.

Mme Ntebele a re go akaretsa le go ikgolaganya le ba-na- le seabe go ka ba thusa gore ba tlhaloganye melawana e e laolang dikgwebo tsa bone.

O ne a bo a tsibosa bagwebi ka boikarabelo jwa lekalana la LEA, a tlhalosa fa ba lekalana leo le sa thuse bagwebi ka madi mme boemong jwa moo le rotloetsa dikgwebo tsa lefatshe leno gore di kgone go itsetsepela ka go fa bagwebi bogakolodi mmogo le ithutuntsho ya ka fa ba ka tsamaisang dikgwebo tsa bone ka teng.

Mme Ntebele o ne a supa fa go le botlhokwa thata gore bagwebi ba boloke dipolelo ka dikgwebo tsa bone gore ba kgone go lemoga gore di dira jang, a tlatsa ka gore seo se ka ba thusa gape go bona dithuso tsa madi mo makalaneng a a thusang bagwebi ka go ba adima madi.

Fa a nankola maikaelelo a letsatsi leo, modiri mongwe gotswa mo lekalaneng la LEA mo Masunga, Rre Gaolaolwe Phologolo o ne a re ke go kopanya bagwebi le ba-na- le seabe gore ba abelane megopolo tebang le dikgwebo tsa bone le go bona gore go ka tokafadiwa fa kae.

Rre Phologolo o tsweletse a re moono o mongwe wa letsatsi leo ke go tiisa botsalano magareng ga bagwebi le lekalana la bone.

Ba makalana ka go farologana, bogolo jang e le a a nang le seabe mo dikgwebong, a a akaretsang BURS, CEDA, lekgotla la kabo ditsha la Tati le a mangwe fela jalo a ne a nna le sebaka sa go tsibosa bagwebi ka ditirelo tsa bone.

Mogolwane gotswa kwa lekalaneng la Cetizen Economic Entrepreneurial Development Agency (CEDA) Rre Ditiro Mangadi o ne a itsese bagwebi fa lekalana la bone le adima bagwebi madi ka morokotso o o kwa tlase gore ba kgone go tsweledisa dikgwebo tsa bone, go tsholetsa itsholelo ya lefatshe leno.

Rre Mangadi o ne a rotloetsa bagwebi go inaakanya le dikgwebo tse di ka itsetsepelang mo mafelong a ba leng mo go one gore ba kgone go duela sekoloto se ba ka tswang ba na le sone mo kgwebong, a re bone e le ba CEDA maikaelelo a bone ke gore bagwebi ba simolole go duela sekoloto ka dipoelo tse ba di dirang mo dikgwebong tsa bone.

E re lentswa bagwebi ba ne ba lebogela go bo dikgwebo tsa bone di ba thusa go oba letsogo le go tlhamela ba bangwe mebereko, fela ba ne ba supa matshwenyego ka dikgwetlho tse ba kopanang le tsone mo dikgwebong tsa bone.

Lefa gontse jalo mogwebi mongwe, Rre Deboyson Mathe yo o itebagantseng le temo ya merogo, o ne rotloetsa bagwebi ka ene go seke ba inyatsa le go ineela fa ba kopana le dikgwetlho mo dikgwebong tsa bone, a re boemong jwa moo ba leke bojotlhe go batla metlhale e e ka thusang dikgwebo tsa bone go itsetsepela.
Rre Mathe o ne a tshepisa fa ba tla sola molemo dithuto tse ba di amuleng mo bokopanong joo. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Masego Tabengwa

Location : Masunga

Event : Pitso

Date : 22 Mar 2015