Dikgomo tsa Werda di motwa ke lenyora
22 Mar 2015
Barui ba motse wa Werda ba bone go se gontle morago ga gore motse wa bone o welwe ke seru sa letlhoko la metsi, selo sese dirileng gore ba latlhegelwe ke leruo la bone. Barui ba baikopanyi ba sediba sa Mathumpunyana bare se seba diragaletseng gaba ise base bone fa e sale ba simolola go dirisa sediba seo.
Ene yare fa BOPA e tsena kwa Sedibeng seo ba kgatlhantshiwa ke dikgomo tsedi suleng mme barui ba supa fa ba setse ba latlhegetswe ke dikgomo di feta lesome le boraro.
Ba supile fa sediba seo base filwe ke puso mme ba ntse ba dirisa enjene mme fa e sale ba simolola go dirisa motlakase wa marang a letsatsi bosheng ba itemogetse letlhoko la metsi a leruo.
Mongwe wa barui bao Rre Ivan Mc Kenzie o supile gore ere le ntswa ba ntse ban a le mathata a letlhoko la metsi, maranyane a masha aba apesitse kobo ka letshoba.
Are a kabo a siame jaanong mathata ke gore pompo eba e dirisang ga e pompe metsi a mantsi ebile ha letsatsi le seo maranyane ao gaa kgone go pompa metsi.
O supile faba latlhegetswe ke dikgomo tse dintsi mme sebe sa phiri ele gore gaba itse dipalo ka gore dikgomo tse dingwe di swela mo sekgweng.
Rre Phenyoyaone Ross are fae sale maranyane a letsatsi a tsenngwa ba itemogetse gore gona le dikgomo tse dintsi tsedi nwang mo Sedibeng sa bone.
O boletse fa ba na le letshogo la gore baka nna ba latlhegelwa ke dikgomo tse dintsi fa seemo seo seka seke se tsibogelwe ka bonako.
Fa atswa la gagwe mookamedi wa lephata la temo-thuo mo Kgalagadi Rre Nkaigwa Joel o boletse faa itse mathata a barui baba nosang mo seding seo mme a tlhalosa gore rakonteraka yoo neng a tsenya maranyane ao o supile faa tla netefatsa gore seemo se boela mo maemong ka nako e esa hediseng pelo.
Are go Maswabi gore barui abo ba iphitlhela leruo la bone le sule ka jaana puso ene ere e leka go batswa thuso gore ba nose leruo la bone ntle le ditshenyegelo dipe.
Kgosi wa motse oo Kgosi Keleofile Phihadu le ene o ne a dumalana le barui gore seru seo kesa ntlha base bona fae sale ba simolola go dirisa sediba seo.
O supile fa aka itumela fa rakonteraka aka netefatsa fa barui ba motse wa gagwe ba bona metsi jaaka ba ntse baa bona a tlatsa ka gore gaa batle go bona morafe wa motse wa gagwe o sotlega ka jaana kgomo ele yone botshelo jwa Motswana. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Aobakwe Molefhi
Location : Werda
Event : Potsolotso
Date : 22 Mar 2015