Breaking News

Bana ba kgwale ba bitsana ka molodi

19 Mar 2015

Motlapele o ne a opile kgomo lenaka fa a tlhalosa fa bana ba kgwale ba bitsana ka molodi. Go nna sekao mo go seo ke mawelana, Mme Keimetswe Marutshe le Mme Lucky Gabankalafe ba Omaweneno mo kgaolong ya Kgalagadi borwa.

Fa a tlhalosa mo potsolotsong bosheng, Mme Marutshe a re go nna mawelana ke mpho e bontsi bo sa kgonang go e akola mo botshelong.

A re bone go tsweng bonyaneng jwa bone e ne e le batho ba rata go tshwaraganela sepe fela se ba se dirang, a re selo se se ne sa ba thusa thata ka ba ne ba kgona go tshwaraganela tiro mme se se e tlhofofatse, a re e re le ntswa a ne a tsena mo nyalong e e boitshepho mme wa molekane a tlhoka lesego leo.

Mme Gabankalafe a re e rile go goleng ga bone a tlelwa ke lorato mo go tsa temo ya ditlhare fa mme Marutshe la gagwe e ne ya nna go nna molemi wa temo ya komelelo. A re ka go lemoga fa go kgaogana go se kake ga ba berekela ka ba ise ba go tlwaele, ba ne ba bona go le botoka gore ba tshwaraganye ditiro tsa bone mme ba di dire mmogo.

A re ka bobedi ba ne ba simolola ditshingwana tsa temo ya ditlhare mo digotlong tsa bone. A re ba ne ba kopa dithuso mo pusong mme ba tsenelela ithutuntsho mo go tsa temo ya ditlhare ba e patagantse le ya masimo. Mme Marutshe a re ba ne ba tsenelela dithuto tsa bone mmogo mme ba thusana fela thata fa yo mongwe a tlhaelang teng ka se e le yone tsela ya go tswelela.

A re ba ne ba simolola ka go ipatlela dithunya mo nafelong a a farologaneng tse dingwe ba di tlelwa ke bana mme ba ikopanya le ba lephata la temo ya ditlhare ba ba neng ba ba fa bogakolodi mme ba ba isa dithutong.

A re ba ne ba ya go ikwadisa mo lenaneong la nyeletso lehuma, mme ya re morago ba bona dithuso di tshwana le ditanka, kago ya moriti, didirisiwa tsa temo le nosetso. Mme Marutshe a re ba ne ba itirela botsalano jo bo lolameng le balemisi le maphata ka go farologana ka ba lemogile fa tirisano mmogo e e lolame e le yone fela tsela ee isang kwa tshiamong.

A re bone ke bana ba godisitsweng ke mosadi a le lorato e bile a na le botho mo bathong ka go farologana, ka jalo ba tsere se mo go ene. Mme Gabankalafe o ne a supa fa ba ne ba seke ba inaakanya fela le temo mme ba phutholola matsogo go leka fale le fale gore le bone ba tle ba kgone itshetsa.

Are ka bone ba ne ba tlhoka lesego la go itewa seatla, ba ne ba itlama gore ba tlaa dira ka diatla go itshetsa le ba malwapa a bone. O ne a supa fa ba ne ba ithuta go dira mekgabisa ya dibaga le ya mo ntlong.

O ne a supa fa mo go seno sebaka ba sa ikaega fela ka go tlhokomelwa ke bana mme le bone ba na le seabe se ba se ntshang mo malapeng a bone. Mme Gabankalafe a re o akgola puso ka e ne ya re mo letsatsing la go ipelela diteme dibopiwa tsa gagwe di ne tsa tsewa go ya go rekisiwa.

Fa a ntsha la bofelo Mme Marutshe a re o rotloetsa mawelana go kopana ka e le motho a le mongwe mme ba lese go lwela go gaisana go na le go thusana. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Oteng Gabankalafe

Location : TSABONG

Event : Potsolotso

Date : 19 Mar 2015