Kgetsi ya tsie e a tshwaraganelwa
19 Mar 2015
Batsadi ba gwetlhilwe go tsenya letsogo mo thutong ya bana le go ba rotloetsa go e tlhagafalela ka e le selotlolo sa botshelo jo bo eletsegang.
Fa a bua mo potsolotsong bosheng, modulasetilo wa mokgatlho wa batsadi le barutabana wa sekole se sebotlana sa Kolonkwaneng, Mme Virginia Tebele o kaile fa thuto e le konokono mo go ageng bokamoso jo bontle, ka jalo e tshwanetse go tsewa tsia.
Mme Tebele o gwetlhile batsadi go tsaya maikarabelo a thuto ya bana le go nna le seabe mo go e tlhabololeng ka go etela sekole kgapetsakgapetsa go lekola maduo a bana, a kaya fa go dira jalo go ka baya motsadi mo seemong sa go itse gore a ngwana o dira sentle mo thutong kana jang mme a tle ka tharabololo nako e sa ntse e le teng fa e le gore ngwana o kwa tlase mo thutong.
O boletse fa mokgwa o o ka felela o dira gore ngwana a dire botoka mo thutong ka a bone thuso seemo se ise se bifele pele. O ne a ba rotloetsa go tsenelela ditirelo tsa sekole jaaka diphuthego tsa batsadi le barutabana gore ba patagane le barutabana mme ba tswe ka megopolo e e nonofileng ya tokafatso maduo.
Mme Tebele o kaile gape fa baithuti ba tshwanetse go rotloediwa le go tlwaediwa go dira tiro ya sekole fa ba le kwa lwapeng, a kopa batsadi go thusa baithuti fa ba palelwa e bile ba tlhoka thuso ya bone.
O tsweletse ka go rotloetsa batsadi go ela tlhoko metsamao ya baithuti, a tlhalosa fa baithuti bangwe ba ikamanya le ditiro tsa botlhoka-tsebe jaaka go senya didirisiwa tsa sekole, go gana kotlhao jalojalo, mme se se ame thuto ya bone ka gantsi maitshwaro ao a baka kwelotlase ya maduo.
Mme Tebele o tlhalositse fa diemo dingwe kwa malwapeng jaaka diphapang fa gare ga batsadi le kgokgontsho di ama thuto mme o kopile batsadi go hema diemo tsa go nna jalo.
O rotloeditse batsadi gore fa ba na le kgotlhang ba seka ba e ntshetsa mo pontsheng go bonwa ke bana mme ba kope bogakolodi mo go ba ba tshwanetseng jaaka molaodi, baruti le bogogi jwa motse.
Fa a ntsha la gagwe, Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse, Mme Mankuku Kgaudi o supile fa batsadi bangwe ba le maoto a tshupa go tshwaraganela thuto le barutabana, a bolela fa batsadi bao ba na le mogopolo wa gore tiro ya go ruta ke ya barutabana fela.
O tlhalositse fa nako ya go akanya jalo e fetile, mme mo bogompienong thuto e tshwanetse go tshwaraganelwa ke botlhe gore go nne le maduo a a utlwalang a thuto.
Fa a itebaganya le baithuti, mme Kgaudi o ba gakolotse gore go reetsa dikgakololo tse di siameng go botlhokwa ka go na le maduo a mantle jaaka go dira bontle mo thutong le gone go nna sekao mo baithuting ba bangwe.
O ba rotloeditse gape go ganana le ditsala tse di ba isang thaelong mme ba ikanye thuto ka e le yone bokamoso, a re ditiro tsa boganana ga di busetse mme maduo a tsone ke go itlhoboga mo go sa tlhokafaleng, dikatlholo tse di sa feleng le gone go tlhoka boikhutso mo moweng. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Malebogo Manene
Location : TSABONG
Event : Potsolotso
Date : 19 Mar 2015