Mosele wa pula o epiwa nako e sa le gale
19 Mar 2015
Mogolwane wa lekalana la bojanala la Botswana Tourism Board, Mme Tshoganetso Ponoesele o gwetlhile banni ba Sepako, Manxotai, Maposa le Nata go simolola go ipaakanyetsa letsatsi la Makgadikgadi Epic le le tlaa nnang ka Lwetsi gore le tle le atlege.
Mme Ponoesele o buile jalo fa a ne a rolela komiti ya Nata Development Trust cheke ya P62 240 kwa Nata bosheng. A re madi ao ke a dirilweng ka moletlo wa Makgadikgadi Epic kwa Nata Sanctuary ngogola.
O boletse fa tiro eo e nnile malatsi a mararo fela gape e ne e sa tsaya nako go rulaganyediwa, ka e ne e le ya tshoganetso mme maduo a ne a bonala. A re ka madi ao ke go ba tiisa moko gore ba itse fa bojanala bo na le dipoelo.
Fa a amogela cheke eo, modulasetilo wa letlole la Nata Development Trust, Rre Kerileng Garebolele o ne a leboga botlhe ba ba neng ba ba eme nokeng le ba ba dirileng gore letsatsi leo le atlege.
Rre Garebolele a re letsatsi leo le kgonne go ngoka bajanala ka e rile morago ga tiro eo, ba simolola go tshologela kwa Nata Bird Sanctuary, a akgola tiro eo gore e kgonne go ba bapatsa lefatshe ka bophara. O ne a bolela fa ka madi ao ba tlaa tlhabolola metse e mene e e okametseng lefelo leo.
O ne a supa matshwenyego ka bangwe batho ba ba senyang terata e e ageletseng lefelo leo le go tsoma diphologolo tse di sireleditsweng mo teng. A re ba ba ntseng ba sa beye sebete Nata Development Trust ba tlaa bona gore go na le maduo mme ba simolole go ba ema nokeng le go lwantsha tshenyo e e dirwang kwa Nata Bird Sanctuary.
E rile a afa malebo, mokhanselara wa Nata Bophirima, Rre Mbanga Mbanga a leboga Tautona go bo a ne a tla ka moono oo wa Makgadikgadi Epic. Rre Mbanga a re ba beile motse wa Nata mo mmepeng e bile e setse e le boremelelo jwa bojanala.
O ne a bolela fa go nnile le tlhaelo ya boroko ka letsatsi la Makgadikgadi Epic, a re kgwetlho e ba nang le yone ke ya makalana a a thusang ka madi a tshwana la CEDA le a mangwe, a re ga ba ba thuse fa ba ikopela kgwebo ya boroko ba bolela fa e setse e tletse go sena mmaraka.
A re kwa Nata kgwebo ya matlo a boroko e sa ntse e tlhaela ka jalo a kopa puso go thusa batho ba kgaolo eo go ikopela ka bone ba sa ntse ba na le tshiamelo. BOPA
Source : BOPA
Author : Tebogo Masuruke
Location : TUTUME
Event : Kabo dimpho
Date : 19 Mar 2015