Monana o tsosolosa kgwebo
19 Mar 2015
Letlhoko la ditiro, go tlhoka madi ga mmogo le jone bodutu di pateleditse monana mongwe kwa Sebina go tsosolosa kgwebo ya gagwe ya go dira mekgabisa ka dithaere tsa dikoloi.
Rre Sipho Ncube ke monana yo o dingwaga tse di masome mararo le bone yo o nang le ditoro tse di farologaneng ka botshelo le isago.
Go tsweng ka dingwaga tsa bo 2000, Rre Ncube o ne a kgona go itirela matsana, segolo jang ka malatsi a sekole a boitapoloso ka go dira mekgabisa e e tsenyang dithunya, matlakala ga mmogo le one mabeelo a mabele ka dithaere tse di setseng di feletswe ke tiriso. Ka dinako tseo o ne a sa ntse a tsena sekole kwa mmadikole a ithutela tiro ya borutabana.
Rre Ncube o tlhaloseditse BOPA bosheng fa a ne a tsenya moko thata mo kgwebong ka 2004 fa a sena go aloga kwa mmadikole, mme ka nako eo a ne a kgona go dira dikete tsa dipula di supa. O tladitse ka go re o ne a rekisa mekgabisa ya gagwe thata kwa Maun ka go tletse bajanala. A re go le gantsi mekgabisa ya gagwe o ne a e tshwantsha mebala ya diphologolo tsa naga go kgatlha leitlho la bajanala.
Rre Ncube a re go simolodiseng kgwebo o ne a kgatlhwa ke tiro ya rre mongwe kwa Mahalapye ka 2000, yo ene a neng a dira mekoro ya dikgomo ka dithaere. A re o ne a kgatlhega mme ene a tla ka kakanyo ya go dira mekgabisa. Morago o ne a bona tiro ya nama-o-sa tshwere ya borutabana ka 2007, ka jalo a emisa kgwebo eo go ipha sebaka sa go ruta a sa kgorelediwe ke sepe.
Morago ga go fela ga tiro ya go ruta a re o ne a iphitlhela a tshwanelwa ke go tsosolosa kgwebo go itshetsa le go lwantsha bodutu. Rre Ncube a re o tlaa bereka ka natla go bona gore kgwebo ya gagwe ga e phutlhame, a tlatsa ka go re le fa nako ya gore a bone tiro ya sennelaruri e ka goroga, o tlaa thapa bangwe go tshegetsa kgwebo gore e tswelele e mo direla matsana.
A re e re ka a sa bereke ga a batle go tlhola a tlhorontsha batsadi ka go kopa madi a melora le ntswa a na le se a ka a se itirelang. O tladitse ka go re o kopa dithaere tse di sa berekeng mo go ba ba di baakanyang mo mebileng, ga mmogo le bone beng ba dikoloi ka bongwe ka bongwe. O gakolotse banana ba ba sa berekeng go lebisisa kgwebo ya mofuta o ka e sa tlhokane le sepe se sentsi gape e le bogadi bo gaufi. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Gladys Olebeng
Location : Sebina
Event : Potsolotso
Date : 19 Mar 2015