A bana ba godisiwe go tshwana
19 Mar 2015
Go bolelwa fa go le botlhokwa gore kgodiso ya ngwana wa mosetsana e tshwane fela le ya ngwana wa mosimane.
E rile ba akgela mo thuto puisanong e itebagantse le letsatsi la bomme, e e neng e rulagantswe ke ba lephata la merero ya bong kwa Chitawa Lodge kgwedi eno e le lesome le motso, batsena thuto puisano eo ba ne ba supa fa go tshwenya go bo ngwana wa mosetsana mo kgodisong ya gagwe, a sa nke a rutiwa go ikemela ka nosi fa a tshwantshanngwa le ngwana wa mosimane.
Ba re bana ba basetsana ba tshwanetse go rutiwa le go lemontshiwa fa ba lekana fela le bana ba basimane, ka seo se ka ba thusa gore ba tsoge ba nna boMme ba ba ikemelang ka nosi ebile ba kgona go tshegetsa maemo a a rileng mo mehameng e e farologaneng.
Le fa gontse jalo, bangwe ba batsena dithuto tseo, ba ne ba supa fa bomme ba na le go salela kwa morago mo mehameng e le mmalwa ka jaana ba fufegelana ka bo bone, ba re fa bomme ba ka latlha mowa oo wa go nna le lefufa mo go bomme ba bangwe, seo se ka ba thusa go ba isa golo gongwe mo botshelong.
E ntse e le mo thutopuisanong eo, go ne ga buisangwa ka dikgang tse di amanang le kgokgontsho ya bong, bogolo jang go lebeletswe ya bomme le bana ba basetsana mme bangwe ba supa fa go ngomola pelo ka jaana bomme ba na mokgwa wa go tsholola dikgetsi tsa kgokgontsho kwa dikgotla tshekelong lentswa bas a tswa go ralala seemo se se botlhoko seo.
Batsena thutopuisano eo, ba tlhalositse fa nnotagi e le sengwe sa dilo tse di nang le seabe mo go bakeng kgokgontso mo malwapeng.
Mogolwane gotswa kwa lephateng la merero ya bong kwa Francistown, Mme Poloko Sethono o ne a tlhalosa fa go buisana le go tsaya ditshwetso mmogo mo lwapeng go le botlhokwa ka go itsa ditiragalo tsa kgokgontsho ya bong.
A re kgokgontsho ya bong e santse e le kwa godimo mo lefatsheng leno mme seo se tlhokana le gore go itebagangwe le go tsibogela dikgang tsa yone kwa malwapeng le kwa ditirong, e le ka maiteko a go leka go e fokotsa.
Mme Sethono o ne a bolela fa boikarabelo jwa ofisi ya bone e le go lomaganya le go fa bogakolodi tebang le dikgang tsa bong, ka jalo a gakolola makalana ka go farologana go ikgolaganya le bone ka go nna ba ba laletsa go tla go gasa efangele ya dikgang tsa bong. Fa a itebaganya le bomme, mogolwane o ne a ba gwetlha go ikemela ka dinao go bona gore ba tokafatsa matshelo a bone, go na le go ikaela thata mo go borre.
Fa nankola maikaelelo a ipelelo letsatsi leo la bomme, modiri gotswa kwa ofising eo ya merero ya bong, Mme Tebogo Keakantse o ne a supa fa letsatsi leo le le botlhokwa thata mo matshelong a batho ba lefatshe leno, bogolo jang bomme le bana ba basetsana.
Mme Keakantse o tsweletse a re maikaelelo a letsatsi leo, ke go thusa batho go amogana megopolo le go sekaseka tse di fitlheletsweng e sale gotswa ka 1995, tebang le go nonontsha bomme mo go tsa itsholelo le mo go tseyeng ditshwetso.
A re letsatsi leo le fa Batswana sebaka gape sa go tswa ka maano a kgatelopele le ka megopolo ya gore kgokgontsho e ka emisiwa jang. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Masego Tabengwa
Location : Masunga
Event : Thuto puisano
Date : 19 Mar 2015






