Ba ngogoregela ditlamelo
19 Mar 2015
Banni ba Nata ba boletse fa ba sa itumedisiwe ke seemo sa kokelwana ya bone ba tlhalosa fa se se dira gore ba seka ba bona dithuso tse di maleba le go thusiwa ka nako.
Fa a tlhalosa moono wa letsatsi la Botsogo Pitso le le neng le tshwaretswe kwa motseng wa Nata bosheng, mothusa mogolwane kwa kokelong ya Gweta, Rre Issac Seledi o ne a supa fa ba bone go tshwanela gore ba tle go buisana le banni ba motse go utlwa matshwenyego a bone fa ba ile go tsaya dithuso ko kokelwaneng le go tsaya megopolo e e ka dirisiwang go tlokafatsa seemo sa kokelwana.
A re se se tla ba thusa ele bagolwane go bona gore go ka tokafadiwa fa kae gore batho ba kgone go bona dithuso tse di siameng. O ne a ba kopa go bua sepe fela se ba se bonang se sa dirwe sentle le gore se ka baakanngwa jang. Mme Galebowe Kgakololo o ne a akgela ka go supa fa ba kgona go tsewa madi mme morago ba sa fiwe maduo le fa ele tlhaloso ka se se diragetseng. O ne a tswelela ka go bua fa kokelwana ele leswe fela thata e bile go bereka ntwana ya boiteketso ele nngwe.
A re baoki ba bangwe ga ba dirisanye sentle le bone ka ba kgona go nna lebaka go sena yo o ba thusang ba sa bolelelwe gore mathata ke eng. Mme Kgakololo o ne a tswelela ka go supa fa dikago tsa kokelwana di se mo seemong se se siametsweng go ka dirisiwa.
O ne a kopa banni go nna le mowa wa bopelotlhomogi ka go letelela bagodi, bana le bogole le bomme ba ba itsholofetseng go ka bona thuso pele a re se se supa botho le go ratana mo motseng. Banni ba ne ba tswelela ka go tlhalosa fa balwetsi ba robadiwa mo ntlong ele nngwe mme mo go sa ba itumedise.
Ba ne ba supa fa bodiredi jwa kokelwana bo sa lekane go ka thusa batho botlhe ba motse ba kopa gore go thapiwe bangwe go thusa. Ba ne ba kopa gore balwetsi ba ba gateletsweng ba isiwe kwa sepateleng sa Tutume e seng kwa Gweta gore fa seemo se sa tokafale ba kgone go isiwa kwa sepateleng sa Nyangagwe. Rre Seledi o ne a leboga banni go bo ba buile matshwenyego a bone a ba tlhalosetsa fa ba tla leka ka thata go bona gore batho ba bona dithuso le ditlamelo tse di lolameng.
O ne a tswelela ka go tlhalosa fa go tla agiwa kokelwana e e tla akaretsang mantlo a babereke. Rre Seledi o boletse fa molwetsi a na le tshwanelo ya go fiwa tlhaloso fa a sa itumelele thuso e a e fiwang le go ikuela kwa bogogeng jwa kokelwana. O ne a rotloetsa babereke ka ene go thusa setshaba ka lorato nako tsotlhe.
O ne a bua fa bolwetsi jwa motho ele sephiri a kopa banni go lesa go tsamaya ba bua ka malwetsi a ba bangwe. O ne a ba kopa go tswelela ba dirisanya mmogo le bodiredi jwa kokelwana. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Clara Thamane
Location : TUTUME
Event : Pitso
Date : 19 Mar 2015