Kgosi o lela ka boitshwaro jwa banana
19 Mar 2015
Kgosi wa Sebina, Kgosi Kgakanyane Sebina o buile a sa kgwe mathe fa bana ba motse wa gagwe ba sa mo robatse ka boitsholo jo bo makgasa.
Kgosi Sebina a re bana ba motse oo ba nwa bojalwa phetelela mme e bile go bonala ba sa ikaelela go dira sepe se se molemo ka isago ya bone ka ga bone e le go tlhola fela mo marekisetsong a dino ga mmogo le go oketsa dipalo tsa dirukutlhi mo motseng.
A re o buisiwa gape ka pelo ke barekisi ba majalwa, segolo jang a setso, ba ba rekisetsang mo malwapeng ka go sa obameleng melao le dinako tse di beilweng ke puso. A re bontsi jwa bone ba laolwa fela ke fa bojalwa bo setse bo eme sentle, ba bo ba simolola go rekisa go sa kgathalesege gore a go phakela kana jang. A re seo se fa le bana sebaka sa go tlhola ba anwa letsatsi lotlhe ntle le go ipha sebaka sa go akanya pele ka tse di botlhokwa tsa botshelo.
O tladitse ka go re seo gape se tshwenya ka le fa a biditse diphuthego tsa kgotla banwi ba bojalwa ba sa tsiboge fa bangwe ba tla diphuthegong ba itshietse mme ba fete ba tlhoke botho fa pele ga lekgotla. Kgosi Sebina a re o tshwenngwa gape ke batswakwa ba ba tletseng mo motseng ka bana ba motse wa gagwe ba setse ba amule botsipa jwa go thukutha mo go bone.
A re mo kgweding e e fetileng ba ne ba tshwara batswakwa go tswa Zimbabwe ba le lesome le botlhano mme ba ba busetsa gagabo, a tlatsa ka go re mo nakong e e sa fediseng pelo bangwe ba bone ke fa ba setse ba boile.
A re se se ka tswa se supa fa batswakwa bao ba sa goroge kwa gae. Kgosi Sebina a re tharabololo ya seemo se e ka nna gore batho ba go nna jalo ba tsenngwe mo kgolegelong.
A re seo se oketsa le tshenyo ka gore le bana ba motse ba dira ditiro tsa borukutlhi mme morago ba dire seipato sa gore go sentse batswakwa. A re ga go na kgwedi e e fetang ba sa kwadisa dikgang tsa bogodu kgotsa petelelo.
Kgosi o ne a supa matshwenyego gape tebang le molao o mo go one modira-molato a kgonang go fiwa sebaka sa go letela tsheko kwa ntle. A re e le dikgosi ba atlhola badira-melato mme e re ba ikuela kwa dikgotleng tse dikgolwane ba fete ba fiwe sebaka sa go letela tsheko kwa ntle. A re mo mabakeng a mantsi disinyi tseo di boa gape di dira melato e mengwe.
A re puso e tshwanetse go lebisisa molao oo ka o baya matshelo a setshaba mo diphatseng le gone oketsa borukutlhi. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Gladys Olebeng
Location : Sebina
Event : Potsolotso
Date : 19 Mar 2015