Breaking News

Banana ba maoto a tshupa

24 Mar 2013

E re le ntswa puso e leka  bojotlhe go tokafatsa matshelo a banana ka mananeo a a farologanyeng, go tlhalosiwa fa kwa Maratswane mo kgaolong potlana ya Letlhakeng maiteko a puso a sa atlege ka banana ba motse oo ba le maoto a tshupa go inaakanya nao ntswa ba sa ntse ba aperwe ke lehuma.

Mothusa modulasetilo wa komiti ya banana mo motseng oo, Rre Tefo Phuduhudu o boletse mo potsolotsong bosheng gore ba tshwaragane le namane e tona ya kgwetlho ya go lemotsha banana gore go nna matlhagatlhaga le go nna le mowa wa boithaopo go ka ba tokafaletsa matshelo.

Rre Phuduhudu o tlhalositse fa banana ba motse wa gaabo ba sena kgatlhego ya go dira sepe fela mo motseng le mo matshelong a bone.

A re ba nna fela mo bojalweng, mo a reng go ba tseela nako ya go akanyetsa isago.  O tlhalositse gore ke makgetho a le mantsi ene le modulasetilo ba leka go bitsa phuthego ya banana go tla go bua ka tse di ba amang le tsa motse wa bone, mme maiteko a bone a itaya sefololetse.

O boletse gape gore go nna thata go kgothatsa banana go tlhagafala ka jaana  botsadi ga bo kgothatse banana mo malapeng.

O supile fa ba lekile go bopa lekgotla la banana le ba tlaa nnang ba latlhela madi a kana ka dipula tse masome a mabedi kgwedi le kgwedi mo letloleng gore e re fa ba ka tlhoka sengwe,  fa ba ka bidiwa kwa ofising ya banana kwa Letlhakeng ga bo gona le sengwe se ba ka thusiwang ka sone.  

O tsweletse a kaya gore difomo tsa mananeo a banana, di sa le di tsisiwa ke ofisi ya banana mo motseng oo gore ba di tlatse, mme ga ba ise ba itshwenye. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Boikobo Keboetetse

Location : LETLHAKENG

Event : Potsolotso

Date : 24 Mar 2013