Rotary club e abetse bana dikolotsana
18 Mar 2015
E ne ya re ka mafelo a beke, mokgatlho wa rotary wa toropo ya Francistown wa tshegetsa moletlo wa go abela bana bangwe ba ba tshelang ka bogole ba kgaolo ya Bokone Botlhaba dikolotsana.
Le fa gone dikolotsana tseo di ne di ise di goroge go ka rolelwa beng ba tsone, ka go ne go nnile le tiego mo go tlisiweng ga tsone, leloko la mokgatlho wa rotary, Mme Charmaine De’Ath, o ne a tlhalosetsa batsena tiro eo fa di tlaa bo di gorogile pele ga dibeke tse pedi di wela.
Fa a bua kwa tirong eo e e neng e tshwaretswe kwa kokelwaneng ya motse wa Tsamaya, Mme De’Ath o ne a bolela fa ba leka ka bojotlhe go thusa ka fa ba ka kgonang ka teng go tlhomamisa gore batho ba ba tshelang ka diemo tse di bokete le bone ba akola botshelo.
O kaile fa a solofela fa dikolotsana tseo di tlaa nolofaletsa badirisi ba tsone le batlhokomedi ba bone botshelo ka jaana bana ba bangwe ba ba neng ba amogela dimpho tseo ba setse ba godile,
A re ka jalo ga go bonolo mo batlhokomeding ba bone go a ne ba ba kuka go ba isa gope kwa ba tlhokang go ya teng. Go sale foo, mookamedi wa ditirelo tsa botsogo wa kgaolo ya Bokone Botlhaba, Mme Rhodah Phindela o ne a akgolela ba mokgatlho wa Rotary sesupo seo sa lorato.
A re se mokgatlho o se dirileng ka go abela bana ba ba tshelang ka bogole dikolotsana se tsamaelana thata le se Morena Jesu a neng a tshela a se dira fa a bona batho ba raletse diemo tse di thata.
O ne a gwetlha mokgatlho oo go tsweledisa mowa wa bone wa kutlwelo botlhoko, a tlhalosa fa seabe sa bone se raya go le gontsi ka jaana puso ka yosi e ka seke e kgone go thusa botlhe ba ba tlhokang thuso.
Mme Phindela o ne le ene a supa fa dikolotsana tseo di tlaa seke di thuse fela baamogedi ba tsone. O ne a iteela moroko mafoko a gore le batlhokomedi ba bana bao le bone di tlaa ba sologela molemo ka tsela nngwe.
Mme Phindela o ne a nesetsa pula tiro ya ba mokgatlho wa Rotary a re o dumela fa le bone e ba tlhatswitse dipelo ka go thusa batho ba bangwe e le yone pinagare ya tiro ya mokgatlho wa bone.
Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse, Rre Reginald Mudongo o ne le ene a lebogela dikolotsana tseo, a re di tlaa thusa thata ba ba di abetsweng. Rre Mudongo o ne a gwetlha ba mokgatlho wa Rotary go tsweledisa tiro ya bone e ntle ka go ya go thusa le kwa metseng e mengwe ya lefatshe leno. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Keonee Kealeboga
Location : Tsamaya
Event : Kabo dimpho
Date : 18 Mar 2015