Breaking News

Balemi ga ba a kgojwa marapo ke seemo sa loapi

18 Mar 2015

E re le ntswa seemo sa bosa se kgoreleditse temo, balemi bangwe ba akgoletswe tiro e ntle e ba e dirileng mo masimong a bone.

Fa a tlhalosa mo dithuto puisanong tse di neng di tshwaretswe ko masimong a ga Rre Robert Marutshe bosheng, mogolwane mo lephateng la temo thuo, Rre Suberee Kapeko, a re go itumedisa fela thata gore ere le ntswa pula ene ele boutsana masimo a bo le a le mo seemong se se nametsang.

Fa a tlhalosa Rre Kapeko are gone go sena tshaolofelo epe ya gore batho ba tle dika ba robile lengwe mo masimong ka ntlha ga dipula tse di boutsana le seemo sa mogote se se ko godimo mme fela a re mo masimong a ga Rre Marutshe seemo ke se se pharologano.

Rre Kapeko, a re masimo a ke mangwe a masimo a a dikileng a tswetswe ke mohero wa tlolela o o setseng o iphetotse sera mo masimonga ka bontsi mo kgaolong.
Are ntle le gore go lo mo kgaolong eo.

Fa a tlhalosa ka mohero wa tlolela Rre Kapeko are mohero o otsile otswa ko lefatshe la Namibia mme mo go atenga ga one wa anama le dikgaolo tse dingwe tsa kgalo wa gantsi le kgalagadi o dirwa ke mesepele ya batho le leruo.

Rre kapeko one a gakolola batho gore fa mohero o oka seke wa lwantshi ka mashetla o tla felela ka go ba bakela mathata e seng fela mo masimo mme le mo matshelong a bone le a leruo ka kakaretso.
One a akgolela Rre Marustshe go sale morago ditsela tse di siameng tsa temo ditshwana le go lema ka ditselana le go tlhagolela dijalo.

A re le bone ele lephata ba itemogetse gore batho ba kgaolo eo go gontsi mo ba tlhokanag le go thusiwa ka gone go tshwa le go tsisediwa balemisi ba ba lekaneng mme are puso e dira gotlhe mo eka go dira go bona gore balemi ga ba tlgelwa ka fa mosing.

A re balemi b atshwanetse go itirela dikomiti gore ere ba ntsha matshwenyego a kgone go reediwa botoka ka ba tlaaba ba na le batho ba ba ka ba isetsang dikgang ko go ba aba tshwanetseng.

One a tswelela ka go supa ga lephata le tla ka metlhale e mentsi ya go tlhabolola temo mo kgaolong ntle le go ntle le gore puso e senyegelwe. A re puso e bone gole botoka gore dipeo dingwe di tshwana le mmidi di emisiwe go abelwa balemi ba kgaolo ya kgalagadi ka go lebega fa o sa dire sentle mo kgaolong ee.

One a supa fa mmidi ele dijalo tsedi tlhokang metsi a mantsi mme fela dipula tsa kgaolo ee dile boutsana. Fa a ntsha la gagwe Rre Marutshe are ope fela yo o batlang go tswelela mo go se a se ratang o tshwanetse go tsenya lorato le bopelotelele mo go sone. Are bone sale ba sala mo masimo fa paka ya temo ee fitileng e fela mme a inaakanya le go lwantsha sera se go tweng tlolela mme nakokgolo ke eno ba santse ba tshwere.

O supa fa bane ba dira diaparo tsa di polasitike go itsa go tlhabiwa ke mmitlwa mme ba o haraka ba o olela ba o tshela ko ntle ga masimo. One a tswelela ka go lemoga fa mohero a tlolela ona le nedi ee sa emiseng go tlhoga mme ba o lwantsha ka go ntsha medi e gona le go e kgaola.

Go itela kobo moroko mo go seo molemi mongwe mo wa motse wa Omaweneno Rre Osenoneno are dinku tsa gagwe di dikile di tsenemo masimong aga Rre Marutshe mme tsa fetsa beke gone foo ka bane ba sa kgone go tsena baya go di ntsha ka ntlaha ya go tshaba sera se.

Are erile morago ga di tswa foo dingwe tsa tsone dine tsa duwa ke dintho mo dimpeng le mo matlho mme dingwe tsa tsone tsa swa. Rre Osenoneng are mohero o o borai fela thata ka jalo ba tlhoka molemesi mo kgaolong yo o ka nnang gaufi le bone go ba rotloetsa le go ba fa bogakolodi jo bo lolameng ka twantsho ya dio di tshwana le tse.

O ne a tlhalosa fa letlhoko la molemisi mo motseng wa bone e le sone se se ba kgobang maropa le go feta ka go sena gope ko ba kopang dithuso teng. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Oteng Gabankalafe

Location : Masimo a Bokgetlo

Event : Thuto puisano

Date : 18 Mar 2015