Breaking News

Dikgosana di tlaa atswiwa

18 Mar 2015

Mothusa tona mo lephateng la dikgaolo le tlhabololo magae,  Mme Botlogile Tshireletso, a re maikaelelo a lephata la gagwe ke go simolola go atswa kana go duela dikgosana tsotlhe tsa tetlanyo mo ngwageng wa madi wa 2015/16.

Mme Tshireletso yo e bileng ele mopalamente wa kgaolo ya botlhophi ya Mahalapye Botlhaba, o buile mafoko a mo phuthegong ye a neng a e tshwere mo Mahalapye go lekodisa dikgosi le dikgosana tsa motse wa Mahalapye le metse emo tikologong jaaka Setsile, Mokoswane, Kudumatse, Dovedale, Makwate, Shakwe, Taupye, Tewane, Palaa-road le Bonwapitse ka ditirelo tsa lephata la gagwe gammogo le dikgang tse ditshwenyang setshaba jaaka kgokgontsho ya mo malwapeng, go thubega ga malwapa, go nna mmogo ga batho ba sa nyalana le molao kakanyetso wa matimela.

A re mmuso o abetse lephata la gagwe madi a tla dirisiwang go duela dikgosana tsa tetlanyo dile makgolo a mabedi, masome a robabobedi le metso ele merataro (286) lefatshe leno ka bophara mo ngwageng wa madi wa 2015/16.

Mme Tshireletso o rile ere ntswa mmuso o ititeile sehuba go atswa dikgosana tsa tetlanyo, o ngongoregisiwa ke dikgosana le dikgosi tse di gogang dinao mo tirong fa bangwe ba bone ba tsena thari kwa tirong ntswa mmuso o tsweletse ka go ba duela ka makgetlho a Batswana kgwedi le kgwedi. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Mojaboswa Jabeng

Location : Gaborone

Event : Phuthego

Date : 18 Mar 2015