Breaking News

Mokgatlho o thusa moithuti

18 Mar 2015

Baithuti ba mokgatlho wa Christian Fellowship kwa Roads Training Centre (RTC)  ba abetse moithuti wa sekole se segolwane sa Naledi madi.

Mokgatlho oo le komiti ya ditlhabololo tsa motse ba ne ba rulaganya maitiso a mmino, bodiragatsi le mmabontle go kgobokanyetsa moithuti yoo wa lekwalo la botlhano madi.

Fa a bua kwa moletlong wa kabo dimpho mo Gaborone, moithuti wa RTC, Rre Cedrick Kemoabe, o ne a tlhalosa fa motsadi wa moithuti yoo a sena karata ya omang mme se se ba paledisa go bona dithuso gope fela.

O tlhalositse fa go tlhoka omang ga motsadi go dira gore ba seka ba kgona go akola lenaneo la puso la go thusa batlhoki. A re le fa go ntse jalo mopalamente mmogo le mokhanselara wa kgaolo ba seka seka kgang eo go bona gore ba lelwapa leo ba ka thusiwa jang.

Rre Kemoabe o boletse ba kompone ya Butterfield ba ne ba ntsha borotho go re bo rekisiwe go thusa go tlatsa madi, fa ba Gaborone Medical Stores le ba ofisi ya tsa mesepele le bone ba ne ba thusa ka madi.

O tlhalositse fa madi ao a selekanyo sa P3 168 tla a dirisiwa go rekela moithuti yoo paka ya sekole le go mo duelela ngwaga tse pedi kwa sekoleng ka a santse a kolota madi a ngogola mme tseo tsotlhe di lopa madi a selekanyo sa P3 100. BOKHUTLO

 

Source : BOPA

Author : Matlhogonolo Letshelaphala

Location : MOCHUDI

Event : Moletlo wa kabo dimpho

Date : 18 Mar 2015