Breaking News

Botlhakatsebe ga bo jese dikgosi diwelang

18 Mar 2015

Dikgosana kwa Masunga di tshwenngwa thata ke dikgang tsa go tlhoka tsebe ga banana, leruo le le gobeyang mo motseng le batho ba ba leletsang diletso kwa godimo mo malwapeng.

Mo potsolotsong le ba BOPA ka Labobedi, Kgosana ya kgotlana ya Chilinde, Rre Teacher Chaloba o boletse fa go tlhoka tsebe ga banana go sa ba jese di welang, mokgwa o a supileng fa o atile thata mo baithuting ba ba tsenang mo dikolong tse dikgolwane tse di mo motseng wa Masunga.

O boletse fa go supagetse fa bangwe baithuti ba goga motokwane, o a tlhalositseng fa go belaesegang gore ba o reka mo bathong bangwe ba lefatshe le le mabapi la Zimbabwe ba ba nnang mo motseng wa Masunga.

Rre Chaloba o tsweletse gape a bua fa bangwe ba banana ba itshiela nnotagi mme e re ba tlhapetswe ba bo ba tlhokela barutabana le batsadi ka kakaretso botho, mme ba felele ba le mo diatleng tsa mapodise. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Nkwebi Monyadzwe

Location : MASUNGA

Event : Potsolotso

Date : 18 Mar 2015