Bolwetse jwa tlhaloganyo bo a laolesega
18 Mar 2015
Bolwetse jwa tlhaloganyo ga bo na kalafi mme bo a laolesega.
Mogolwane wa baoki ba kokelo ya S’Brana kwa Lobatse, Rre Kagiso Nthobatsang o buile jalo kwa bokopanong jwa bomme ba thapelo ba kereke ya bosheng. Rre Nthobatsang o boletse gore bolwetse jo ga bo na kalafi mme molwetse o ka tlhatlhojwa a bo a fiwa melemo e e ritibatsang le go sidilwa maikutlo.
O tlhalosa fa bolwetse jwa tlhaloganyo bo ka bakwa ke dilo di le mmalwa jaaka segotso, dikotsi tsa tsela le ditagi tse a tlhalositseng di ama ditshika tsa boboko.
Rre Nthobatsang o boletse gore dikai tsa bolwetse jwa tlhaloganyo ke go bua ka pelo, go timela tlhaloganyo, motho a tlhoka go itse batho ba a nnang le bone kgotsa ba losika, motho a sa itlhokomele a sa tlhape gongwe a tshega a le nosi mo go feteletseng kana a dira dingwe tse di sa tlwaelesegang.
A re go itumela go feta selekanyo e ka nna sekai sa go lwala tlhaloganyo fela jaaka go utlwa botlhoko thata go ka baka bolwetse jwa tlhaloganyo. Le fa go ntse jalo, o ne a gwetlha setshaba ga mmogo le dikereke go ema balwetse ba mofuta oo nokeng.
Rre Nthobatsang a re ba tshwenngwa ke dikereke tse di tlogedisa balwetse melemo mme se se dire poelo morago mo botsogong. O gakolotse setshaba go ithuta ka bolwetse jwa tlhaloganyo a re ba ka etela kwa kokelong go ithuta go le gontsi ka bolwetse jo.
O ne a tlatsa ka go re setshaba se tshwanetse go ithuta go tshela le balwetse bao mo tikologong mme a ba gwetlha go ba fa lorato, go akarediwa mo mererong e seng go kgethololwa. A re se se ka ba thusa gore ba amogele seemo sa bone.
Rre Nthobatsang o ne a ba gwetlha go ema nokeng balwetse morago ga go gololwa kwa kokelong ka go ba rotloetsa go nwa melemo ka nako le go ba akaretsa mo ditirong tsa lolwapa go ba itsa go tlhola ba robetse fela.
E rile a ema bomme ka lefoko, Mmaboipelego kwa S’Brana, Mme Larona Dithato a re bokopano jo bo maleba ka jaana gantsi bomme ke bone baoki ka Setswana se re mmangwana a tshwara thipa ka fa bogaleng.
Mme Dithato a re gape ba lomaganya molwetse le mananeo a mangwe a itshetso fa a dule kwa kokelong le bommaboipelego ba kgaolo e molwetse a tswang mo go yone go itsa gore a nne fela mme a na le matlhoki.
A re ba lebanwe ke dikgwetlho di tshwana le go tlhoka go tlholwa ga balwetse, a re se ke sesupo sa gore batsadi ga ba amogele balwetse ka lorato mme a tshwaela gore gantsi balwetse ba tlhokana le go fiwa lorato ke ba malwapa a bone. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Grace Sebape
Location : LOBATSE
Event : Bokopano
Date : 18 Mar 2015