Breaking News

Ba Maralaleng ba kgatlhegela mokgatlho

18 Mar 2015

Banni ba Maralaleng ba supile kgatlego mo mokgatlong wa batho ba ba nang le mogare wa HIV le ba ba amegileng (Support Group) ka go dira ka natla, go abelana le tirisanyo mmogo go tshwaraganela dimpho tse ba di filweng ke lekalana la Botswana Network Of People Living with HIV and Aids (BONEPWA) le le itebagantseng le go thusa batho ba ba tshelang ka mogare oo.

E rile a le mo potsolosong bosheng kwa motseng oo, modulasetilo wa mokgatlo oo Mme Kediagetswe Pitso  a bolela fa ba simolotse mokgatlo o ka ngwaga wa 2010.

O ne a bolela fa banni mo nakong eo ba ne ba seka ba supa kgatlego mme ba kopa kgosi ya motse oo Rre David Megano le mmaboitekanelo mme Ruth Babeile go rotloetsa banni go tsena mokgatlho oo ba bo ba ba supegetsa bomosola jwa one.

Mme Pitso o ne a tlhalosa fa ba ne ba nna le dithuto le banni ba motse kwa kokelwaneng, ba tsamaya le malwapa le dipolasi tse di dikologileng motse oo.

A re morago ga moo banni ba simolola go phuthologela go itse diemo tsa bone kgatlhanong le mogare wa HIV mme ba tsenelela mokgatlho oo ka bontsi.

A re ba ne ba koleka P10 mongwe le mongwe ba reka dimonamone le go apaya mangwinya ba rekisa. BOKHUTLO

 

Source : BOPA

Author : Keiketlile Kelefhile

Location : TSABONG

Event : Potsolotso

Date : 18 Mar 2015