Breaking News

Mkhanselara a ngongoregela boleng jwa didirisiwa

24 Mar 2013

 

Makhanselara a kgaolo ya Legare ba supile ngongora  ya  bone mabapi le boleng jwa didirisiwa tse rakonteraka yo o agang mafetlhelo a motlakase a Morupule a di dirisang.

Ba buile jalo mo puisanong e ba neng ba e tshwere le mogolwane wa kompone ya Botswana Power Coorporation (BPC), Rre Gaolatlhe Kelesitse yo a neng a tsile go ba lekodisa ka seemo sa motlakase mo lefatsheng leno.

Rre Kelesitse o tlhaloseditse makhanselara gore dipitsa tsa motlakase tsa Unit 1 le 2 tse di feditsweng go dirwa ngogola di na le bothatanyana jwa go dutla, mme se ke sone se dirang gore motlakase o tlhaele phetelela.

O tlhalositse fa seemo seo rakonteraka a tshwaragane le go se baakanya mme tsholofelo ke gore e tlaa re mo bogaufing seemo se nne botoka ka di tlaa bo di feditswe go baakanngwa.

Fa ba mo kgwa dikgaba, makhanselara a ntshitse matshwenyego a gore go lebega go dirisitswe didirisiwa tsa boleng jo bo kwa tlase. Mokhanselara wa kgaolo ya Nkange, Rre Israel Jersey o ne a botsa gore go tla jang gore e re e le gone go fediwang go aga go bo go setse go buiwa ka dipaakanyo, a re se ke sesupo sa gore go dirisitswe dilo tse di senyegang ka bonako.

Rre Majaha Polson wa Dukwi, ene o kopile Rre Kelesitse gore ba ne ba buwa le ba-na-le seabe fa go na le mathata go na le gore dikgang tsa bone di tswe ka babegadikgang, a re seemo se ke sone se bakang go latlhegelwa ke tshepo ga batho mo komponeng.

Rre Kelesitse o ne a tlhalosa gore makgwere a a kwa pitseng ya Morupule B ga se selo se sesha mo ditirong tsa mofuta o, a fa sekai ka Morupule A gore le yone fa e simolola go ne ga nna fela jaana.

O tlhaloseditse makhanselara gore tiro e, e sa ntse e le ka fa tlase ga rakonteraka ka jalo ke ene a tshotseng maikarabelo a dipaakanyo. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Aobakwe Molefhi

Location : SEROWE

Event : Puisanyo

Date : 24 Mar 2013